Breaking News

Ramasesane o tlhomiwa Kgosi

26 Aug 2024

Tiro ya kgosi  e masisi ka e akaretsa go bopaganya morafe go nna seopo sengwe, gore go nne le ledula, kagiso le thokgamo tse di botlhokwa mo tlhabologong  tsa motse. 

Ka jalo go botlhokwa go tsaya mongwe le mongwe ka tekatekanyo go sa kgathelesege gore ke wa letso lefe, le mokgwa e bile gape a sa lebelela itsholelo ya bone.

Kgosi Lotlaamoreng II wa Barolong o buile se a tlhoma Kgosi Olopeng Ramasesane go nna kgosi ya Hereford  ka Labotlhano. 

Kgosi Ramasesane o tsaya setilo morago ga gore Kgosi ya pele ya motse oo, Kgosi Lenyeletse Kgannyeng a tlogele tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2022. Kgosi Lotlaamoreng ll o mo kgothaditse go tsaya tiro ya gagwe ka tlhaafalo le gone go itse gore “Kgosi thotobolo e olela matlakala.”

Moletlo o, o ne o tshologetswe ke bontsi jwa batho. 

Kgosi Lotlaamoreng ll o ne a supa fa setilo sa bogosi se le masisi ka jalo a re Kgosi Ramasesane o tshwanetse go se dibela ka go ikgapha go itsa go se goga mo seretseng. 

A re a tlhomamise gore ka nako tsotlhe boitshwaro jwa gagwe ke jo bo eletsegang mo setshabeng.

Kgosi Lotlaamoreng o mo kgothaditse gape go etelela pele morafe ka lerato, boikarabelo, tlotlo, boikobo, boineelo    tshwaragano le therisano le gone go amogela dikgakololo tse di tswang mo morafeng ka seo se ka tlisa kagiso, popagano le tswelelopele ya ditlhabololo ba le seopo sengwe.

A rotloetsa Kgosi Ramasesane go ikgapha go buisana ka dikgang tsa morafe wa gagwe kwa malwapeng a bone ka dikgang tsotlhe di tshwanetse go rerisanwa le go buisanwa mo kgotleng gore a tle a kgone go tsaya ditshwetso tse di maleba a sa gogele kobo letlhakoreng.

Kgosi Lotlaamoreng ll wa Barolong o ne a rotloetsa batsena moletlo oo gore fa go na le dipharologanyo tsa bogosi di tshwanetse go nnelwa fatshe tsa buisanwa le go tswa ka ditharabololo mo dikgotleng go na le gore di isiwe kwa makgotla tshekelong ka seo e le go nyenyafatsa serodumo sa bogosi.

A rotloetsa Kgosi Ramasesane go ikanya le go itsetsepela ka lefoko la Modimo ka nako tsotlhe ka e le One o tlaa mo kaelang tsela go etelela pele morafe wa Hereford ka boammaruri, a tlatsa ka go mo eleletsa masego le matlhogonolo mo tirong ya gagwe.

A kgothatsa morafe go amogela Kgosi ya bone le go tshwaragana le go sireletsa kgosi ya bone mo dikgwetlhong tsotlhe tse a tlaa kopanang le tsone mo botshelong.

Kgosi Lotlaamoreng II  a ba kgothatsa go tsenelela diphuthego go tla go rera ditlhabololo tsa motse wa bone.

Rrangwaneagwe Kgosi Rre Elias Masake le Malomaagwe Rre Goirilwe Keagaiwa ba ne ba iteela moroko mafoko a ga Kgosi Lotlaamoreng II a go tsaya morafe ka tekatekanyo, go ilela setilo sa bogosi ba re boitshwaro, go ikanya Modimo konokono.

Fa amogela thomo Kgosi Ramasesane yo o dingwaga tse di 43 o supile fa a agetse mosako mafoko otlhe a dibui a go mo kgothatsa mo tirong ya gagwe mme a re o tlaa leka ka bojotlhe go tshwaragana le morafe go tlhabolola le go godisa motse wa bone.

Kgosi Ramasesane yo o eteletseng pele morafe wa Bakgalagadi le Barolong o ne a leboga motshwarelela mokwaledi wa makgotla a Setswana mo Tsabong Mme Gracious Mantries ka a setse a mo tataisitse thata mo tirong ya gagwe a bolela fa a tlaa tswelela a ntse a ithuta le mo magosing a mangwe.

Kgosi Ramasesane o ne a tlhalosa fa a setse a gatetse pele ka go rotloetsa mo lephateng la thuto ka P4500 ka a ne a ithaopela go rotloetsa baithuti ba lekwalo lwa bosupa ba ngwaga oo fetileng ba ba fentseng ditlhatlhobo ka letshwao la ntlha le la bobedi (A le B) mme ga kgona fela ba le lesome le bobedi mo go ba le masome a mane le botlhano.

O boletse gape fa ngwaga ono a ne a buisana le barutabana go mo tlhophela bana ba le boferabobedi ba ba nang le letlhoko le le ntsi ba sekole sa Hereford mme a ba rekela paka ya sekole le go  thusa  mo kagong ya monni mongwe wa motse oo.

Kgosi Ramasesane o supile fa a ne a itshetsa ka tiro ya diatla pele ga tiro ya bogosi mme a tla a tswelela a tshwaragane le barui ba batho basweu (maburu) ba dipolasi tse di dikaganyeditseng motse oo go thusa mo ditlhabololong tsa motse.

E re ka jaana Kgosi Ramasesane e le molatedi yo o tiileng wa kereke ya ZCC, baruti ka go farologana ba ne ba supa fa e le morongwa yo o molemo mo kerekeng yo a dirileng ka lebaka e le mokwaledi mogolo selo se ba supileng fa ba tshepa fa a tlaa etelela pele morafe ka boammaaruri ka e bile a le boineelo le boikobo

Motshwarelela modulasetilo wa khansele ya Tsabong mokhanselara Rre Peter Megano o lebogetse gore peo ya kgosi e bo e sa tsaya lebaka le leleele ka seo se dia ditlhabolololo le go diga seriti sa motse. 

O ne a lebogela botlhe ba ba tshologetseng tiro le botlhe ba ba nnileng le seabe gore e atlege.

Kgosi o ne abelwa dimpho di akaretsa madi le didirisiwa tse di farologanyeng e le tsela nngwe ya go mo amogela le go mo tiisa moko mo tirong ya gagwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Hereford

Event : Peo ya kgosi

Date : 26 Aug 2024