Mokamate Sekai se sentle sa maduo a Brigade
26 Aug 2024
Rre Gofaone Mokamate wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe wa Khakhea, o a itshematshemela ka a ithutile tiro ya diatla.
Morago ga go pasa ka 28 points kwa Macha College ka 2013, Rre Mokamate a re o ne a ya go tsweledisa dithuto kwa Kang Brigade, kwa a duleng teng ka setlankana sa Trade C, a fetela kwa pele a ya go tsweledisa kwa Kgatleng Brigade, Mochudi go dira B Level ka 2020 go fitlha ka 2021.
Ka a ne a dirile bontle mo dithutong tsa gagwe, Rre Mokamate a re o ne a amogelwa Tswelelopele Brigade kwa Ramotswa, go dira NCC kwa a neng a nna mongwe wa dialogane tse di dirileng sentle ngogola mme a aloga ngwaga ono ka Tlhakole.
Kakanyo ya go ithuta tiro ya diatla Rre Mokamate a re e mo tletse ka go bo a ne a lemoga fa e ka mo tswela mosola fa a tshwantshanya le ditiro tse dingwe tse dithaka tsa gagwe di neng di di dirile mme di sa bone tiro.
Dingwe tse a di ithutileng ke go betla ditafole, ditilo le dikobotlo mme a kgetha go ya go direla kwa Tsabong ka theko e le botoka fa a tshwantshanya le kwa gae kwa Khakhea.
Mo nakong ya gompieno o sa ntse a direla mo lapeng.
Thulaganyo e a e dirisang ke gore moreki o reka didirisiwa ene a bo a dira selwana jaaka fa a laetswe, ka jalo moreki a bo a duela diatla tsa gagwe fela mme o dira jalo ka go bo bangwe ba ne ba akanya gore go turu fa a ba direla sengwe le sengwe.
Se a se lwelang gompieno a re ke go batla lefelo le a ka direlang mo go lone kwa Tsabong le go innakanya le mananeo a puso a a ka mo thusang ka madi go bula madirelo a e leng a gagwe.
Go ya ka Rre Mokamate, tiro ya diatla e bogadi bo gaufi ka e na le letseno le le botoka mo nakong e khutshwane go na le fa motho a bereka a emetse madi a kgwedi mme a kaya fa e tlhoka lorato le bopelotelele.
Fela jaaka tiro nngwe le nngwe, a re o lebanwe ke dikgwetlho jaaka letlhoko la didirisiwa, mme seo o se tsibogetse ka go tsenya diatla mo khamphaneng ya tshireletso, go na le go baya fela mo kgwebong ya gagwe e e santseng e fatlhoga.
A re banana ba ba ithutetseng tiro ya diatla ba ka itshetsa ntle le go baya thata mo go batleng mebereko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 26 Aug 2024