Breaking News

Maduo a a bonala kwa dikoleng

26 Aug 2024

Go simolodisiwa ga lenaneo la go neela baithuti di laptop le go tsenya maranyane a Wi-fi kwa dikoleng go tlhofofaditse tiro ya barutabana le baithuti.

Mothusa mogokgo wa sekole se segolwane sa Lotsane kwa Palapye, Rre Tebogo Kootsholetse a re baithuti ba dirisa di laptop go tsenya dithuto tsa bone mo go yone, le tse di tlaa ba thusang go ipaakanyetsa ditlhatlhobo.

A re gantsi baithuti ba dirisa di laptop go dira ditshekatsheko tsa dithuto ba dirisa maranyanye a Wi-fi  le go thusanya mo dithutong le baithuti ba bangwe .

Dilaptop gammogo le Wi-fi go kaiwa fa di thusa baithuti gore ba seka ba baya thata mo barutabaneneng, ba itirele ka bobone.

Rre Kootsholetse o tlhalositse fa di laptop le maranyane a Wi-fi di thusitse thata ka mo malatsing a, baithuti ba na le keletso e ntsi ya go ithuta fa go tshwantshanngwa le go ruta ga bogologolo mo moithuti a neng a sena kgatlhego e e kalokalo mo dithutong.

Gompieno baithuti ba tsaya nako e ntsi ba le mo dithutong tsa bone go na le fa di laptop le maranyane a Wi-fi di ne di seyo, moithuti a ithuta fela ka dibuka, Rre Kootsholetse a supa.

Le fa baithuti ba amogetse di laptop tse ngogola,  Rre Kootsholetse a re maduo a ngwaga o fela a lekwalo la botlhano a ne a tla a tokafetse mo a  dumelang fa di laptop le Wi-fi di nnile le seabe le fa ba ka seka ba supa ka selekanyo gore di nnile le seabe se se kae.

A re baithuti botlhe mo sekoleng ba fiwa di laptop mme mo nakong eno, ba santse ba le mo lenaneong la gore ba neele ba lekwalo la bone ka bangwe ba ba neng ba fetsa lekwalo la botlhano ba ne ba di busa morago mme di ne di tlhoka go baakanngwa fa tse dingwe ba di busitse di sena dilo dingwe kana di sa dire sentle.

A re baithuti ba ba fetsang lekwalo la botlhano ba tshwanetse ba buse di laptop gore di dirisiwe ke ba ba latelang mme mo bangwe go dingalo go dira jalo. Bangwe ba ne ba tsamaya ka tsone le ntswa ba ne ba itsesitswe go sa le nako gore ba di buse, Rre Kootsholetse a tlhalosa a bo a kaya fa mo nakong eno bangwe ba baithuti ba tsweletse ka go di busa le batsadi ba bangwe fa ba lemoga gore ngwana ga a busa a tsaya matsapa a go e busa.

Mothusa mogokgo wa sekole se segolwane sa Moeng College, Rre Owen Dubula e ne o supile fa le bone fela jaaka ba sekole sa Lotsane, fa e sa le baithuti ba fiwa di laptop, bontsi jwa dithuto tse bana ba di dirisang (material) di ntse di le mo dipampiring (hardcopy) le mo dibukeng (text books) e bile e ne e re fa ba di fiwa go bo go tlhokafala dipampiri tse di ntsifatsang mme fa e sa le di laptop di goroga ba romelelwa tse di tlhokafalang mo di laptop mme se se fokoditse go dirisiwa ga dipampiri mo sekoleng fela thata.

A re ka tlhago,  di laptop di dira baithuti gore ba itumelele go di dirisa  mme barutabana ba supa gore fa ba ba neela tiro ya sekole e e ba tlamang go batlisisa, ba e dira ka bokgabana.
Thuto mo malatsing ano a re e tlhabologile fela thata mme moithuti o fiwa sebaka sa gore e nne ene a etelelang thuto pele go na le morutabana.
Fale le fale Rre Dubula a re go tlhokega gore go nne go okomelwa fa baithuti ba dirisa di laptop ka fa tshwanelong, gore ga ba tsene fa ba sa letlelelweng go tsena teng.

Le fa diphetogo di le teng, mo  maduong a sekole a re ga go ise go supe thata mme o na le tsholofelo e ntsi ya gore e tlaare nako e ntse e tsamaya maduo a tlaa bonala sentle.

A re baithuti botlhe mo sekoleng ba ne ba fiwa di laptop mme mo nakong eno ba lekwalo la botlhano ba na le tsone fa ba ba dirang lekwalo la bone ba ise ba di fiwe ntateng ya gore go santse go emetswe gore ba ba neng ba fetsa lekwalo la botlhano ba di buse botlhe mme tse dingwe di santse di baakanngwa.

A re go kgona go feleletsa go nna madiadia ka baithurti ba bangwe ba sa di buse ka nako e ba neng ba kopilwe gore ba di buse ka yone fa bangwe ba felela ba di senya

Rre Dubula a re go ba tsere nako e ntsi go tsaya di laptop mo baithuting ka bangwe ba ne ba sa di busa gotlhelele mme ba felela ba ikuela mo dikgosing gore ba ba thuse fa batsadi ba sa tshwarege kana ba sa dirisanye le bone sentle mme ba felela ba kgona go bona thuso.  Bontsi a re di buile e bile ba na le tsholofelo ya gore di tlaa boa tsotlhe.

A re batsadi ba tshwanetse ba tseye boikarabelo jwa gore e re moithuti a fetsa dithuto tsa lekwalo la botlhano, ba mo rotloetse go busa tse a di adimilweng kwa sekoleng  gore ba bangwe ba nne le sebaka sa gore ba di dirise. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : PALAPYE

Event : POLELO

Date : 26 Aug 2024