Breaking News

Dialogane di akgolelwa katlego

25 Aug 2024

Dialogane tsa lenaneo le le tlhabolotsweng  la Ipelegeng, di rotloeditswe go ipetsa ka thupana go dira ditiro tse di kgatlhang leitlho, go oka barotloetsi. Ba kgothaditswe go tswelela ba ikoketsa dithuto fa go kgonafalang teng, selo se se botlhokwa mo tirong ya bone.

Molaodi wa Mogoditshane, Mme Berenice Berman-Mosime o akgotse dialogane tseo bomme le borre ba le masome a mabedi le botlhano (25)  go dira ka natla le bopelotelele go wetsa dithuto tsa bone tsa tiro ya diatla.

Mme Berman-Mosime o buile se, ka Labone, kwa letsatsing la go ipelela setlhopha sa dialogane tse, e le sa ntlha sa Khansele ya Mogoditshane/Thamaga sa lenaneo la Ipelegeng le le remeletseng mo dithutong tsa tlhabololo dikitso tsa tiro ya diatla.

Go supa tshepo mo dikitsong tsa kago tsa dialogane tse, Khansele ya Mogoditshane/Thamaga e abetse batlhoki ba le babedi ba ba tswang Kumakwane le kwa Mmopane, matlo a kamore tse tharo, a agilweng ke dialogane tseo a lopile madi a fetang P180 000, nngwe le nngwe ya one. 

Khansele ya Mogoditshane/Thamaga  ya re e ne ya bona go le maleba gore le yone e ribolole bokgoni mo banning ba Mmopane le Kumakwane, kgwedi ya Phatwe ka ngwaga wa 2022, ka go simolola lenaneo le.

Mme  Berman-Mosime a re maikaelelo a go agela batlhoki ba, ke go ba fa seriti sa go nna le bonno jo bo tokafaditsweng, a tlhalosa gore “matlo a a agilwe ka lenaneo la batlhoki, mme a na le ditebego tse di farologaneng mo go a a tlwaelesegileng ka a dirilwe ka lenaneo le”.

Letsatsi le, le ne le ipelelwa ka fa tlase ga setlhogo se se reng: Go amogela diphetogo ka go tlhabolola dikitso, konokono mo go itshetleleng ga matshelo.

Setlhogo se, Mme Berman-Mosime a re se maleba bogolo jang ka nako e lefatshe la Botswana le itumile sekgono go rurifatsa fa le amogetse mogopolo wa ga Motlotlegi Tautona Dr Mokgweetsi Eric Keabetswe Masisi wa go fetola ka fa go ntseng go dirwa dilo ka teng.

 O a akgotse dialogane tse go tswa  Kumakwane le Mmopane, a bo a ba eleletsa masego le matlhogonolo go tswelela ba rurifatsa maduo a lenaneo le ka botswerere gore ba kgone ba tlhabolole matshelo a bone.

“Le ka lemoga gore re nnile lesego ka go tshwara moletlo wa rona wa ipelelo bagaka ba, malatsinyana morago ga go digela ngwaga Tautona Masisi a ribolotse lenaneo la go fetola maikutlo, megopolo le dikakanyo,” ga bua Mme Berman-Mosime.

A tlatsa ka gore batho ba tshwanetse ba fetola ka fa ba dirang dilo ka teng ka bokamoso jwa dikokomane tsa bone bo le  mo matsogong a bone. 

A re  nako e tsile ya go supa   gore tiro ya diatla e ka tlhamela batho ditiro.

A re maikaelelo magolo a puso  ke go tsholetsa le go tokafatsa itsholelo ya lefatshe go nna e e ikaegileng ka dikitso. 

A re ke ka moo e rileng ka ngwaga wa 2020 puso ya tsaya tshwetso ya go tokafatsa lenaneo la Ipelegeng ka go tsenya ntlha ya go fa Batswana dithuto tsa ditiro ya diatla.

Fa a tlhalosa ka tshimolodiso ya lenaneo le,  o supile fa ditekeletso tsa lenaneo le, di ne tsa simolola kwa Otse le Mogobane ka 2022, mme ga aloga dialogane di le masome a matlhano le bongwe (51). 

Katlego ya lenaneo le, Mme Berman-Mosime a re e mo maruding a barutintshi bagolo le baitseanape ba Construction Industry Trust Fund (CITF), ba a lebogetseng  kemonokeng le dithutso tsa bone.

A re dialogane tse 25 tse, di kgonne go rurifadiwa fa di na le bokgoni jwa go dira ditiro tsa go aga, go tsenya motlakase, go ala bodilo, go dirisa legong le go penta.

Mme Berma- Mosime  o rotloeditse baeteledipele ba dikhansele le maphata a puso gore ba lemoge bokgoni jwa dialogane tse, fa ba aba ditiro tsa selekanyo se ba ka se kgonang.

A rotloetsa dialogane go nna le go botsalo le baabi ba ditiro le batsadi, go nwa moro dikitso tse,  go fenya mmaba wa letlhoko la ditiro le lehuma.

“A re gakologelweng mangwe a matshego a seelo se re se ipeetseng jaaka go nna setshaba se se rutegileng ka ngwaga wa 2036, se se phophomang ka dikitso e bile se na le ditiro tse di nang le dipoelo. Ke na le tumelo e e tletseng gore mophato o o  alogang mo letsatsing la gompieno o ya go tsaya karolo e tona ya go dira gore re bone phitlhelelo e,” a tlatsa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : Gaborone

Event : Kaloso

Date : 25 Aug 2024