Ba atlholetswe dingwaga tse nne mo kgolegelong
25 Aug 2024
Kgotla ya ga Mmakaseterata ya Lobatse e atlholetse banna ba le bararo dingwaga tse nne mo kgolegelong ba sena go bonwa molato wa go utswa megala ya motlakase. Ramapodisi wa Lobatse, Superintendent Boitshepo Kaisara a re boraro joo bo tshwerwe kwa Molapowabojang ba tshuba megala eo mo sekgweng.
Superintendent Kaisara a re banna bao ba ne ba le batlhano ka palo mme ba babedi ga ba a bonwa molato, a tlatsa ka gore ga se banni ba Lobatse mme ba kopanela kwa Molapowabojang.
O tlhalositse fa banna bao ba dingwaga tse di masome a mararo le bobedi go ya kwa go tse di masome a mane le bobedi. Mongwe wa bone ke monni wa Molapowabojang, fa ba bangwe ba tswa Lotlhakane East le Kgomokasitwa.
Superintendent Kaisara a re megala eo, ya kompone ya Botswana Telecommunication Corporation (BTC), e lopa madi a a kana ka P440 500 70.
Suprintendant Kaisara o akgotse botlhe ba ba tsayang dikgato tse di maleba go tsibosa mapodisi fa ba bona sengwe se belaetsa kgotsa go senngwa, a tlatsa ka gore ba tswelele ka mowa oo, a re ba ka kgona tiro e ka thuso ya setshaba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Tsheko
Date : 25 Aug 2024