Ngwao e ka fetlha mebereko- mothusa tona
25 Aug 2024
Banni ba kgaolo ya Okavango ba rotloeditswe go dirisa ngwao ya bone go fetlha ditiro le go itshetsa.
Go tlhalositswe fa ngwao e le botlhokwa ka e aga malwapa a motia ebile e tshwaraganya setshaba.
Mothusa Tona wa Lephata la Tlhabololo Banana, Bong, Metshameko le Ngwao, Motlotlegi Buti Billy o buile se kwa moletlong wa ngwao o o neng o kopanetswe ke banni ba metse ya Nxauxau le Etsha o o neng o tshwaretswe kwa Nxauxau ka Labotlhano.
Rre Billy o tlhalositse fa moletlo oo, o kopanya merafe e e farologaneng ya Baherero, Basarwa, Bayei le Bambukushu ba ba fitlhelwang mo motseng wa Nxauxau le ba metse e e mabapi ya Etsha.
A rotloetsa banni go godisa letsatsi leo go tuma ka ditiragalo tse di farologanyeng le sebaka sa go rekisa di-tsa ngwao jaaka tse di logiwang, tsa petlo le diaparo.
A re seo se ka oka batho ba le bantsi go tswa mo gae le kwa mafatsheng a mangwe mme seo se direle banni ba metse eo letseno.
Motlotlegi Billy o ne a re puso ya Botswana e lemogile botlhokwa jwa ngwao mo go tswakatswakanyeng itsholelo.
A re go mo maruding a setshaba go tsosolosa le go tlhabolola dingwao tsa bone gore ba nne le dipoelo mo go tsa ngwao le dikgwebo potlana tse di ka tswang mo go yone.
Mothusa Tona a re ngwao e botlhokwa ka e aga bana gore ba nne le botho a re ka jalo meletlo e, e tshwanetse ya akaretsa bana.
Rre Billy o ne a re fa banana ba inaakantse le tsa ngwao go ka thusa go fokotsa boitshwaro jo bo sa letlelesegeng jaaka go tlhoka botho le tiriso ya ditagi.
O ne a re banana ba ka thama mebereko ka ngwao e le nngwe ya tse di ka godisang itsholelo.
Mo malebong, Mothusa Modulasetilo wa Khansele ya Okavango, Rre Mpoke Karapo o ne a re go a itumedisa go bo batho ba dingwao tse di farologaneng ba tshwaragane.
Rre Karapo o ne a gwetlha batho ba merafe eo gore ba tlokafatse dingwao tsa bone jaaka dijo gore ba di rekise go dir dipoelo, le go tlhabolola matshelo a bone le itsholelo ya lefatshe.
Kgosi Njammu Karera wa motse wa Nxauxau o ne a tlhalosa fa moletlo oo, o diretswe go supa dingwao tsa merafe e e fitlhelwang mo metseng eo, e e ipopileng go nna selo sele sengwe.
Kgosi Karera o ne a re letsatsi leo le tlaa thusa gore banana ba itse dingwao tsa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Nxauxau
Event : Moletlo
Date : 25 Aug 2024