Lekgotla la IEC le kopa kemonokeng
22 Aug 2024
Mokwaledi wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho la IEC, Rre Jefferson Siamisang o kopile makhanselara a kgaolo ya Mabutsane go ba ema nokeng jaaka ba tsweletse ka go baakanyetsa ditlhopho tsa setshaba tse di solofetsweng go tshwarwa kgwedi ya Phalane.
A re jaaka lekgotla le le filweng boikarabelo jwa go tsamaisa ditlhopho mono, ba tsaya ka tlhwaafalo seabe sa ba-tsaya karolo botlhe mo tsamaisong ya ditlhopho go netefatsa gore di tsamaya sentle.
Rre Siamisang o buile jalo kwa phuthegong ya khansele e e haphegileng e e neng e tshwerwe Phatwe a le masome mabedi.
A re tsamaiso ya ditlhopho ke e e masisi ka jalo go le botlhokwa gore ba e tshwaraganele ba tle ba somarele thitibalo e lefatshe la Botswana le itsiweng ka yone.
O ne a supa fa go le botlhokwa gore bontlhopheng ba ithute molao o o tsamaisang ditlhopho gore ba kgone go gata sentle, le go thusa go rutuntsha batlhophi ka ditshwanelo le boikarabelo jwa bone.
“Mo ditlhophong ga go dirisiwe maikutlo, molao o dirisiwa jaaka o ntse ka nako e go tshwarwang ditlhopho.”
O kaile fa ba santse ba emetse gore palamente e phatlaladiwe jaaka molao wa ditlhopho o supa, mme ba tsweletse ka go rutuntsha setshaba ka dikgato tse di farologanyeng tsa tsamaiso ya ditlhopho.
A re mo ke go hema diemo tse di ka kgoreletsang gore ditlhopho di tsamae ka thelelo.
A re e re ka jaana thulaganyo ya go fudusa maina a batlhophi e santse e buletswe, ba itemogela tshologelo e ntsi ya batlhophi ba ba batlang go thusiwa.
Le fa go ntse jalo, a re bodiredi bo filwe maikarabelo a go sekaseka dikopo tseo mo go tseneletseng le go kanoka mabaka go netefatsa gore go na le boammaaruri.
A re batlhophi ba le 23 748 ba ikwadisitse kwa kgaolong ya Jwaneng/Mabutsane, fa maina a le 184 a ne a ganwa ke maranyane a ba a dirisang a ikwadiso.
A re bontsi jwa batho bao go supega ba ne ba setse ba ikwadisitse kwa dikgaolong tse dingwe tsa botlhophi.
“Re dirisa maranyane a a tshwaraganyang dikgaolo tsotlhe mo Botswana, ka jalo ga go motlhofo go a tsietsa. Lebaka legolo la ba ba sa kgonang go kwadisiwa ke gore maranyane a supile fa maina a bone a ne a setse a kwadisitswe kwa dikgaolong tse dingwe tsa botlhophi,” Rre Siamisang a tlhalosa.
Le fa go ntse jalo, o ne a leboga maphata otlhe le banana ba ba neng ba tsaya karolo mo go kwadiseng ditlhopho.
O ne a leboga makalana otlhe a a neng a rotloetsa tiro eo ka didirisiwa gore e kgone go tsamaya sentle.
Makhanselara a ne a akgolela lekgotla la ditlhopho go tsaya maikarabelo a lone ka tlhwaafalo ba bo ba supa fa ba tlaa le ema nokeng go fitlhela tsamaiso ya ditlhopho e wela.
E re ntswa ba ne ba belaela gore dipalo tse di padileng go kwadisega ka maranyane ke ka ntlha ya go utswa batlhophi, ba ne ba supa fa nngwe ya mabaka e ka nna bosenakitso jwa batlhophi.
Kgosi James Khumanego o ne a tlhalosa gore e re ntswa dipalo tsa ba ba ikwadiseditseng ditlhopho kwa kgaolong eo di nametsa, go botlhokwa gore IEC e tswelele e ruta setshaba mo go tseneletseng ka go tsaya karolo mo ditlhophong.
A re go na le kgonagalo ya gore dipalo tsa batho ba ba tlaa tlhophang ka letsatsi la ditlhopho e wele tlase ka jaana bangwe ba sa lemoge mosola wa tlhopho ya bone, kana ba dirwa boitseme ke mabaka ape fela.
O ne gape a kopa boeteledipele jwa metse ka go farologana go tshwaraganela tiro e ya go ruta setshaba ka botlhokwa jwa go tlhopha le go rotloetsa gore ba ye matlhophelong ka letsatsi le le tlaa bewang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : MABUTSANE
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 22 Aug 2024