Ba FNBB Foundation ba abela bana dipone
22 Aug 2024
First National Bank Botswana (FNBB) Foundation e itlamile go baya bontlha bongwe jwa madi go thusa fa go nang le letlhoko teng bogolo jang mo thutong go tokafatsa maduo kwa dikoleng, tse di kgakala le ditlamelo.
Ka jalo pele ga ba thusa sekole, ba batla go itse maduo a sone, gore ba kgone go bona gore a thuso e ba e fang sekole e dirile pharologanyo.
Mogolwane wa FNBB South, Mme Onkemetse Montsheki o buile se fa ba abela bana ba sekole se sebotlana sa Kaudwane dibeke le dipone tse di dirisang marang a letsatsi kwa Kaudwane bosheng.
Fa a rola dipone tseo, Mme Montsheki a tlhalosa fa ba tsile go thusa sekole seo gore se kgone go tokafatsa maduo a sone.
Mogolwane o tlhalositse fa ba batla gore bana ba ba kgakala le ditlamelo le bone ba kgone go rutega.
A re ba thusa dikole ka ditiro tse di ka ba tsenyetsang letseno jaaka go ba rekela dikoko tsa mae, gore ba seka ba ikaega ka go kopa dithuso ngwaga le ngwaga.
Mme Montsheki a re fa sekole se na le letseno, le fa puso e ise e ba tsisetse tse ba di tlhokang ba kgona go ithusa ka madi a bone.
Mogolwane o tlhalositse gape fa monongwaga ba ne ba tlhophile dikole di le masome mabedi gore ba di abele metako, dibeke le dipone tse di dirisang marang a letsatsi, tse di lopileng P1. 3 million, a supa dibeke tseo di na le mogala o o tsenyang motlakase.
Mme Montsheki o supile gore fa bana ba ka somarela dipone tseo, di ka bereka selekanyo sa dingwaga tse pedi.
A re fa dikole di kopa thuso kwa FNBB, ba kope thuso e e ka ba direlang madi, a tlatsa ka go re fa ba kopa madi fela ga ba kake ba atlega.
O supile fa ba tlhophile metse e e senang motlakase go abela bana dipone tseo gore ba di dirise go ithuta maitseboa.
Mogolwane o ne a tlhalosa fa dipone tseo di neelwa bana ba lekwalo la bone go ya kwa go la bosupa ka jaana ba setse ba fatlhogile ebile ba ka di tshwara sentle, fa ba ba kwa tlase ba neelwa metako.
Mme Montsheki o ne a tlhalosa fa ba thusa masiela, ba-na-le bogole le banana, ka tsa ngwao le tse dingwe.
Mo kamogelo baeng, mogokgo wa sekole sa Kaudwane, Mme Balemogi Lesego, o ne a re ba a itumela fa ba bonao batho ba ba etela ka jaana ba nna kgakala le ditlamelo.
O tlhalositse fa ba na le bana ba le 314, ka bana ba tlogetse sekole ka bontsi.
Mme Lesego o ne a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke letlhoko la metsi kwa motseng oo, se se feletsang se dira gore bana ba seka ba tsena sekole sentle.
Mothusa mogokgo Mme Elsie Rankhudu o ne a tlhalosa fa sekole sa bone se sa dire sentle, ka bana ba sa tsene sekole sentle fa ba bangwe ba felela ba se tlogetse gotlhelele.
O ne a tlhalosa gape fa letlhoko la metsi le oketsa seemo ka jaana bana ba kgona go tlhoka le a ba tlhapang ka one.
E rile a ntsha la gagwe, mopalamente wa Takatokwane, Rre Tshoganetso Leuwe, a tlhalosa fa a na le metse e mebedi e e senang motlakase mo kgaolong, e leng Tshwaane le Kaudwane.
O tlhalositse fa metse eo yotlhe e le mo lenaneong go tsenyediwa motlakase ka ngwaga wa madi wa 2024/25.
O supile fa tsela ya Letlhakeng-Kaudwane le yone e tlaa dirwa, a bo a bolela fa a kopile tona go ya go ba lekodisa jaaka a dirile kwa Khudumelapye le Salajwe.
Mopalamente o ne a supa fa ba le lesego go abelwa ke banka ya FNB dibeke le dipone tse di dirisang motlakase wa marang a letsatsi.
Rre Leuwe o ne a kopa bana go tshwara dimpho tseo sentle, le go tlhatswa dibeke tseo ka letsela jaaka ba kaetswe.
O ne a tlhalosa gore P1.3 million yo banka ya FNB e mo dirisitseng o supa fa ba batla go bona maduo a mantle.
Kgosi Tsholo Segwaba wa Kaudwane o ne a lebogela dimpho tseo, a supa fa e se la ntlha ba abelwa dipone tsa mohuta oo, mme ka maswabi ba ne ba itemogela gore batsadi ba ne ba di dirisa kwa merakeng.
A kopa batsadi go thusa bana go tlhokomela dimpho tseo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : KAUDWANE
Event : Kabo Dimpho
Date : 22 Aug 2024