Banni ba a itlhaloganya - Autlwetse
21 Aug 2024
Metse ya Kgaolo ya Tati Bophirima e a itlhaloganya, ke ka moo merafe ya yone e sa lweleng bogosi.
Merafe ya kgaolo e, e tlhalositswe e farologana le e mengwe ka e itse gore bogosi jwa metse ya bone ke jwa ga mang.
Tona ya Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Motlotlegi Kgotla Autlwetse o buile se a bula leobo la kgotla ya Vukwi bosheng, le le agilweng ka madi a a fetang P311 000.
A re se, se maleba e bile se bakwa ke gore mengwe metse ya bone e bidiwa ka maina a magosi.
“Fa o tsena kwa Letsholathebe kgosi ke Letsholathebe, kwa Jackalas kgosi ke Jackalas, kwa Mosojane kgosi ke Mosojane, kwa Masunga Kgosi ke Masunga le e mengwe fela jalo,” ga bua Tona Autlwetse.
A re ntswa mo Vukwi Kgosi e se Vukwi, bogosi ga bo lwelwe mme kwa mafelong a mangwe bo lwelwa mo go felelang go tewa bana maina gotwe Gabanakgosi, Gasejasepe kana Bonewamang, a tlatsa a re mafoko le maina a Setswana a a bua le go kaya sengwe.
Tona Autlwetse a re Vukwi ka mabaka a dipalo tsa batho le tse dingwe tse di tshwanetseng go sekasekwa, o santse a sena kgosana yo o kwalang mme ba na le kgosana ya tetlanyo fela.
A re e re ka ya morago e tsala ka lebele, dipelo tsa bone di seka tsa fuduega ka dikopo di setse di gorogile kwa ofising ya gagwe go ka di baya monwana.
A re ka motse o santse o le monnye ka dipalo, puso ga e o lebele kwa tlase ka jaana Motswana mongwe le mongwe fa a leng teng a tshwanetse go neelwa ditlamelo tse di mo lebanyeng jaaka metsi, motlakase, ditsela, tsa botsogo, tsa thuto le tse dingwe.
“Motse mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le kgosi gore ba ba amogang batho di-tsa bone le ba ba sa buiseng ba bangwe sentle, kgosi a ba kgalemele sentle ka fa molaong,” ga rialo Tona Autlwetse.
O kopile gore maobo otlhe a kgotla fa a agwa, go batlwe ngwana kana baagi ba mo metseng, go seka ga tsewa ope go tswa kwa ntle ka gore motse mongwe le mongwe o na le karolo ya one mo mading a kgaolo ya botlhophi.
Tona o ne a tlhalosa gore o ntshitse taelo ya gore fa e le gore bana ba sekole ba ja mae, a tshwanetse go rekwa mo baruing ba dikoko tsa mae mo motseng o sekole se leng mo go one, e seng kwa marekisetsong.
O ne a tlatsa ka go re kapari ya bana ba sekole e tshwanetse go dirwa ke motsadi yo o mo motseng oo, fa a seyo ke gone go ka iwang kwa motseng o o gaufi, a tlatsa ka gore morogo o tshwanetse go rekwa mo ditshingwaneng tsa motse o sekole se leng mo go one.
A re fa e le gore bangwe ba santse ba tlogela thobo ya Batswana e bolela mo masimong, ba itse fa ba senyetsa puso e bile ba bolaya Batswana.
Mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi o ne a re mo godimo ga Vukwi, go na le metse e mengwe jaaka Gungwe, Toteng le Botalaote e le yone e tshwanetseng go tlhatlosiwa go nna metse e e feletseng.
A re le fa go ya go oketsa madi a a batlegang, go tshwanetse go lebelelwe gore metse eo e na le dikole tse dipotlana, dikgotla le ditlamelo tse dingwe.
Rre Moabi a re ka jaana ditlhabololo di seke di tlala jaaka kgetsi ya puo, ba lebogela lephata la merero ya ga Tona go bo le agile matlwana a borutelo kwa sekoleng se sebotlana mo metseng oo.
O ne a lebogela banni go tseela thuto kwa godimo ka jaana e rile kwa tshimologong fa go akanngwa go aga leobo la kgotla, bangwe ba eletsa fa go ka agwa ntlwana ya borutelo e le tsela nngwe ya go supa fa ba tseetse thuto kwa godimo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : VUKWI
Event : Pulo ya Leobo
Date : 21 Aug 2024