Breaking News

Thuto ka ngwao e botlhokwa

21 Aug 2024

Go tlotlomatsa dithuto tsa ngwao go ka thusa go somarela ngwao gore ba ba tswang kwa morago ba e fitlhele.

Go lemosegile gore mo dingwageng tsa segompieno, ngwao e a nyelela ka bontsi bo tlotlomatsa puo ya sekgowa mme bana ba gole ba sa itse segabone.

Se se kailwe ke mokwadi wa ba dibuka tsa Setswana, Mme Lebogang Mogotsi mo potsolosong le lekalana la BOPA bosheng.

“Keletso yame ke gore re le Batswana, re ipele ka segarona ka seo se tlaa thusa go tsosolosa itsholelo ya lefatshe ka go oka bajanala,” Mme Mogotsi a supa.

A re mo maitekong a gagwe a go ruta bana ka ngwao, o ne a tlhama mokgatlho wa Dinaletsana tsa Botswana Children’s Writing Alliance, go ba ruta ka metshameko ya Setswana e akaretsa koi, diketo, morabaraba le mainane magareng ga tse dingwe.

“Se ke maiteko a me go rotloetsa bana go ipela ka ngwao le go akola dikitso go tswa mo mabutswapeleng,” a gatelela.

A re fa bana ba ka itse ngwao ble go e tshegetsa, ba ka kgona go itshetsa ka yone mme a kgothatsa bana go kwala dipolelo le maboko e le tsela ya go ba rotloetsa go itse puo ya bone gore e seka ya nyelela.

Mme Mogotsi o kopile batsadi go kaela bana tsela, le go ba ema nokeng ka seo e tlaa bo e le go ba fa maele a go itshetsa ka ngwao le go dira dikgwebo tse di ka ba direlang letseno.

“Ke nako ya gore mongwe le mongwe a fetole ka fa a ntseng a dira dilo ka teng go aga mowa wa boipelego,” Mme Mogotsi a tlhalosa. 

A re keletso ya gagwe ke go bona puso e eme nokeng bakwadi ba dibuka tsa Setswana gore ba kgone go arogana dithuto le dikokomane tsa lefatshe leno go sena dikgoreletsi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keagetswe Motsumi

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 21 Aug 2024