Breaking News

Bomme ba kgothadiwa go dirisa mananeo

19 Aug 2024

Bomme ba kgothaditswe go dirisa mananeo a puso go itshetsa. 

Go tlhalositswe fa mananeo a puso a le mantsi mme go le mo maruding a bone go netefatsa gore ga ba salele kwa morago. 

Mopalamente yo o itlhophetsweng e bile e le Mothusa Tona wa Papadi le Madirelo, Motlotlegi Beauty Manake o buile se kwa ditshupong tsa temo-thuo kwa Moshupa ka Labotlhano.

A re mananeo a tshwana le la Chema Chema, Thuo Letlotlo le Temo Letlotlo ke mangwe a bomme ba ka itshetsang ka one. 

Motlotlegi Manake a re le fa ba nyetswe, ba gololesegile go ka tsaya mananeo ka puso e lemoga fa le bone ba tshwanetse go ikemela. 

A re ditshupo tsa Moshupa tse di simologileng ka 2017, di godile ka thotloetso ya puso, bagwebi ba ba ikemetseng le barui, mme a tlhalosa fa Lephata la Papadi le Madirelo, le rotloetsa gore dikgaolo tsotlhe di nne le ditshupo tsa mofuta o, gore bagwebi ba nne le sebaka sa go ithuta mo go ba bangwe go tlhabolola dikgwebo tsa bone. 

“Metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balatedi, le na le sebaka sa go ithuta le go botsa dipotso ka maphata ka go farologana a phuthegile fa,” Mme Manake a supa. 

Kgosi Donald Kgabosetso II wa Moshupa o tlhalositse fa ditshupo di godile fela thata. 

Le ene o supile fa ditshupo di tlaa kgontsha Batswana go ithuta mo go ba bangwe ka gotwe dilo makwati. 

A re ditshupo tsa monongwaga di atlegile ka maphata le bagwebi ba oketsegile, mme seo se tlaa fa Batswana sebaka sa go arogana maele a kgwebo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : MOSHUPA

Event : Ditshupo

Date : 19 Aug 2024