Go fetola dikakanyo go ka fetlha mebereko
18 Aug 2024
Go fetola dikakanyo le maikutlo go ka sologela lefatshe leno mosola ka go tlhama ditiro.
Ke ka moo banni ba Tsabong ba neng ba thulanya ditlhogo go sekaseka gore ba ka fetola dikakanyo jang le go tsosolosa dikgwebo tse dipotlana.
Molomaganya ditirelo tsa Mindset Change kwa kgaolong ya Tsabong, Rre Gaopotlake Masuntlha o buile se bosheng jaaka Tsabong a ne a keteka segopotso sa ngwaga Motlotlegi Tautona Dr Mokgweetsi Eric Keabetswe Masisi a ntse a boloditse letsholo leo.
Rre Masuntlha o tlhalositse fa mengwe ya megopolo e ne e akaretsa gore di tswa leruong le diphologolo di ka dirisiwa jang go itshetsa.
A re morafe o ka kgona go rekisa matlalo, marapo le motshetelo go tlhamela banni mebereko, go aga metlaagana ya sennela ruri, go godisa letseno le ipapatso.
Morafe o ne wa tswa ka mogopolo wa go aga lefelo la itshidilo mmele le go ithuta ka dijo tse di siametseng mmele.
Rre Masuntlha a re go romilwe bangwe go rola megopolo eo go sekasekwa kwa moletlong o o neng o tshwaretswe kwa Seronga.
Kgosi David Toto ll wa Tsabong o gwetlhile badirelapuso go thusa setshaba go kgatlhegela mananeo a puso.
A re setshaba se supa fa badirelapuso bangwe ba goga dinao mo go thuseng banni ba kgaolo mme a ba gwetlha go tsenya marapo dinameng.
Kgosi o kopile morafe go ikanoka go simolola fela kwa lwapeng, tiro, moraka le masimo.
Mogolwane go tswa kwa lekalaneng la phepafatso tikologo kwa Khanseleng ya Tsabong, Rre Edmond Muzila o tlhalositse fa ba bone go le botlhokwa go fetola dikakanyo ba lebeletse phepafatso ya metse, mafuti a matlakala le malwapa ka bongwe ka bongwe.
Rre Muzila o tlhalositse fa ba ne ba simolodisa phadisanyo ka go potiela ba sa tlhaba ope podi matseba, ba beile kwa pele botsogo jwa setshaba le tshomarelo ya matlakala e le tsela nngwe ya go fetola dikakanyo fa e sa le Tautona a bolotsa letsholo ngogola.
O boletse fa gape phadisanyo eo e ne e dirwa ke badiri ka bone go tswa Gaborone mme Khawa ya nna motse o o gaisitseng e mengwe ka tikologo e e phepa ya bo ya abelwa setlankana.
Mogolwane o gwetlhile banni mo kgaolong go emisa go tshuba matlakala mo malwapeng ka go sa siamela botsogo, bogolo jang dipolaseteke mme ba ka ipopa ditlhopha go fokotsa setlhare sa sexanana ka gantsi matlakala a ngaparela mo go sone.
O gwetlhile botlhe go tlhomamisa gore tikologo e phepa ka nako tsotlhe le go duelela go tseelwa matlakala mo malwapeng.
Molaodi wa kgaolo ya Tsabong, Rre Levis Thupa o kopile banni go ikemela ka dinao le go ribolola ditalente tsa bone go itshetsa.
O galaleditse kgaolo ya Tsabong go ikgapela maemo a boraro a e a patlaganetseng le Ramotswa. Maemo a bobedi a gapilwe ke Serowe le Masunga fa Bobonong e tsere maemo a ntlha mo letlhakoreng la bophepa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Segopotso
Date : 18 Aug 2024