Ditshupo di tswela bagwebi ba dijo mosola
18 Aug 2024
Bagwebi ba dijo mo kgaolong ya Moshupa ba gateletse botlhokwa jwa go tsenelela ditshupo le go di tsaya ka tlhwaafalo ka ba robile go le gontsi mo go tsone.
Mme Keamogetse Karema o buile jalo mo potsolotsong le BOPA kwa ditshupong tse di sa tswang go wela a re ditshupo di ba file sebaka sa go ithuta mo go ba bangwe.
Mme Karema yo o thusitsweng ka lenaneo la Chema Chema go simolola kgwebo ya gagwe, a re ba tsere malebela mo go ba bangwe gore ba tokafatse le go godisa dikgwebo tsa bone.
O tlhalositse fa ditshupo di kopanya bagwebi ka jalo ba kgonne go fana megopolo e e ka tokafatsang le go godisa dikgwebo tsa bone.
Mme Karema a re go tsenelela ditshupo go ba file sebaka sa go bapatsa dikgwebo tsa bone mo bareking le babeeletsi, selo se a supileng fa se ba thusitse go dira dipoelo tse di botoka.
O gateletse a re ditshupo di ba rotloeditse go nna le mowa wa phadisanyo gore ba kgone go godisa dikgwebo tsa bone.
Mme Karema o akgotse barulaganyi le barotloetsi ba ditshupo ka tiro e ba e dirileng a bo a gakolola bagwebi ka ene go tsenelela ditshupo.
Mme Kelebileone Ramatsubutsubu yo le ene a gwebang ka dijo o gateletse mosola wa ditshupo a supa fa le ene a ithutile go le gontsi mo bagwebing ba bangwe.
A re go inaakanya le ditshupo go mo thusitse go dira dipoelo ltse di botoka a re o tlaa kgona go godisa kgwebo le gone go tlhabolola marekisetso a gagwe.
O gateletse botlhokwa jwa gore bagwebi ba ikopanye ba buisane bogolo jang ka fa ba gwebang ka teng.
Mme Ramatsubutsubu a re go le gantsi bagwebi ba dijo ba kgobokana golo go le gongwefela ba rekisa dilo tse di tshwanang ka ditlhwatlhwa tse di lekanang ka jalo a supa fa go rerisana go ka dira gore ba rekise dilo tse di farologaneng.
O rotloeditse banana le bagwebi bogolo jang ba bomme go tsenelela ditshupo tsa ngwaga o o tlang gore ba kgone go bapatsa le go tlhabolola dikgwebo tsa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Naomi Leepile
Location : Moshupa
Event : Potsolotso
Date : 18 Aug 2024