Motlhala wa lenaneo o a bonala
15 Aug 2024
Banni ba metse e e mo kgaolong ya Serowe ba tlhalositse fa lenaneo la Mindset Change le le nang le ngwaga le fetotse ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng, selo se se ba butseng matlho gore ba seka ba baya fela mo go direlweng ke puso. Banni ba, buile se kwa Moiyabana ka Laboraro, jaaka ba ne ba kopane go itsaya motlhala go bona gore a go na le tema mo go fetoleng megopolo, maikutlo le dikaknyo mo go direng dilo dingwe fa e sale Motlotlegi Tautona, Dr Mokgweetsi Eric Keabetswe Masisi a simolodisiwa lenaneo le kwa Zutshwa ngogola.
Tiro e, e ne e tshwere mo setlhogong se se reng Itsholelo Yame, Boikarabelo Jwame - Isago Ya Rona.
Mogokaganyi wa lenaneo la Local Economic Development, (LED), Rre Lebonetse Motshweneng, a re e le ba metse e e mo kgaolong ya Serowe ba tlile ka megopolo ya dikgwebo kakanyetso tsa go bona gore ba itlhabolola jang ka ditsatlholego tse di bonwang mo metseng ya bone.
Rre Motshweneng a re metse yotlhe e ne ya tla ka megopolo e le masome a mabedi ntswa go ne go batliwa e le metlhano fela go ya go sekwasekwa kwa letsatsing la Mindset Change Campaign le le neng le tshwerwe kwa Seronga.
O boleste fa mo megopolong e metlhano eo, ba ne ba nopola o o tswang kwa Tshimoyapula, o banni ba boletseng fa ba na le Trust e e eletsang go dirisa lefelo la Lekokoro Pan go le dira lefelo la bojanala, ba dire fa baetli ba ka kampang teng, ba tsenye diphologolo tsa naga gore bajanala ba tle go di bona mme ba tsenyetse motse madi go fetola ka fa ba ntseng ba dira ka teng.
Rre Motshweneng a re mogopolo o mongwe o ne o tswa Mmashoro, kwa banni ba tlhalositseng fa ba na le lefelo le le nang le matlapa, motlhaba (quarry) tse di ka ba tsenyetsang madi fa ba di rekisetsa batho eseng di tsewa mahala, mme di laolwa ke komiti ya ditlhabololo tsa motse ba ikopantse le dikompone tse di ikemetseng.
Ba Mogorosi ba ne ba tswa ka mogopolo wa go tlhabolola lefelo la Makopo le le itsegeng ka bontle go dira lefelo la itloso bodutu, go itseela dinepe, go direla mediro teng go dira madi.
Ba Serowe ba akantse go aga ntlo lehalahala e go tlaa tshwarelwang diphuthego le dithutopuisano, le go oka diopedi ka go farolologana go tshwarela maitiso mo go yone le mediro e mengwe.
Kwa Moiyabana ba akantse go rekisa motlhaba le lekgarapana le go kaiwang lel e le nte thata ebile gape ba na le mmu wa letsopa o o dirang dipitsa tsa Setswana, dinkgo le go kgabisa matlo a Setswana.
Rre Motshweneng o boletse fa go ne ga tswa megopolo e mentsi, a bolela fa le yone e na le boleng ka jalo ba ne ba tlhopha e metlhano go ba emela kwa Seronga.
Mo tshekatshekong ya batho ka bongwe ka bongwe, bontsi bo boletse fa lesedi le bonala le fa dikgwetlho dingwe di bonala mo leetong la bone la Mindset Change.
Mokhanselara wa Moiyabana, Rre Baathoganye Orakanye, o tlhalositse fa go na le diphetogo mo loetong la go fetola ka fa batho ba ntseng ba dira ka teng. A re bontsi jwa batho jaanong ba bone gore ba busetse matlakala mo tirisong, go gweba ka one go itshetsa go iphira le go hira ba bangwe, gape ba phepafatsa tikologo.
Mokhanselara a re gompieno ba lephata la kabo ditsha ba dirisa maranyane go abela batho ditsha go na le pele ba ralala dikgwa ba baya lefatshe.
A re balemi-barui jaanong ba dirisa maranyane mo leruong le temo.
Mme o ne a bolela fa kgwetlho ee tshenyang ele go wa ga maranyane go diya ditirelo.
Rre Orakanye a re fa go ka tokafatswa go ka nna molemo thata.
Rr Fankie Kokoro, molemi-morui, mogwebi wa thekiso ya dikgomo ebile a na le lefelo la bojanalo la maroko gaufi le motse wa Paje, o rotloeditse setshaba go nna le toro pele ga ba tsena mo go se ba batlang go gweba ka sone.
A re ba nne boikanyego mo setshabeng gore ba ba ikanye. Rre Kokoro, a re o reka dikgomo ka boammaaruri mme ga a ise a kolote ope, ka a duela sentle mo go itumedisang barui.
O tlhalositse fa a simolotse a bereka mo di Furniture shops, ka a ne a tshabile sekole, a tsaya malebela kwa a neng a bereka teng, a tsaya tshwetso go itirela kgwebo ya gagwe.
Rre Kokoro a re o simolotse ka go reka a rekisa dikgomo, ka madi a a neng a a ipoloketse.
O tlhalositse fa a na le megopolo e e mafaratlhatlha e banana ba ka tsayang madi a YDF ba dira dikgwebo ba iphira le go hira ba bangwe eseng go baya mo pusong go ba hira.
A re ba ka dirisa masimo a a sa dirisiweng a batsadi go aga mafelo a bojanala jaaka go aga fela matlo a setso mme bajanala ba tle go robala mo go one.
Kgosi Bakae Khumo o boletse fa phetolo dikakanyo e simolotse ka batabogi ba Botswana ba ba sa tswang go tsaya seetsele sa gouta le selefera bosheng kwa France.
Kgosi Khumo a re go fetola megopolo le dikakanyo go simolola ka boeteledipele ba supa ka fa go dirwang ka teng.
O tlhalositse fa kwa kgotleng kgolo ya Gammangwato, a lemogile fa jaanong babereki ba bereka ka tshosologo, ba iperekisa go se tsapa le ba fisang pelo le fa bagolwane ba seyo.
A re puso e ntshitse mekgololosa ya mananeo jaaka Temo-Letlotlo mme go tswa mo bathong go tsaya mananeo go fetola matshelo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MOIYABANA
Event : Bokopano
Date : 15 Aug 2024