Kgosi o gwetlha banni go ikitaya ka thupana
15 Aug 2024
Banni ba Ghanzi ba gwetlhilwe go tsenya letsogo mo ditirong tsa kgaolo eo go thusa puso go fitlhelela maitlamo a Tebelopele ya Setshaba ya 2036.
Kgosi ya Ghanzi, Kgosi Annah Rankho o buile se ka Laboraro jaaka go ne go ipelelwa ngwaga wa ntlha morago ga tshimolodiso letsholo la go fetola dikakanyo, maitsholo le megopolo.
Kgosi Rankho o tlhalosiste fa puso e ne ya bona go le maleba go simolodisa letsholo leo, morago ga go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19, jo bo neng jwa gomagometsa go phutlhamisa itsholelo ya lefatshe leno, gammogo le ya mafatshe a mangwe ka bophara.
Ka jalo, o ne a supa fa puso e dirile maiteko a go rudisa itsholelo morago ga manokonoko a bolwetse joo. O kaila gape fa go le maleba gore setshaba ka kakaretso se tsenye letsogo go thusa puso go godisa itsholelo go ya kwa mankalankaleng.
Kgosi o ne a tlatsa ka go tlhalosa fa lefatshe leno, le tumile ka puso e e lolameng ka jalo, a gwetlha morafe go tsweledisa serodumo seo.
A re se, se ka kgontsha puso go oka babeeletsi go tswa kwa ntle.
Kgosi Rankho o ne a gwetlha makgotla a dikereke go ema ka dinao ka go nosetsa thuto ya lefoko la Modimo ka jaana a re lefoko le tlaa thusa batho go nna ka maikutlo a iketlileng. Mogokaganyi wa letsholo la phetolo maikutlo le maitsholo wa kgaolo ya Ghanzi, Rre Witness Taziba, o ne a tlhalosa fa banni ba kgaolo ba amogetse molaetsa wa A re chencheng ka maatlametlo ka jaana ba ne ba anamisa molaetsa ba akaretsa ditlhopha tsotlhe tsa kgaolo, go simolola ka badirelapuso, baeteledipele ba metse, makgotla a sepolotiki le banni mo dikgaolong go sena yo ba mo tlogelang kwa morago.
Rre Taziba a re ba itemogela diphetogo mo setshabeng ka jaana, bangwe ba babereki ba Ipelegeng ba setse ba na le kgatlhego ya go oketsa letseno la bone ka go iteka lesego ka mananeno a itshetso go itshimololela dikgwebo tse ka tsone di tlaa thusang go godisa itsholelo ya dikgaolo.
Mo mafokong a gagwe a malebo, Modulasetilo wa kgaolo ya Ghanzi, Rre Jeremiah Tibi, o ne a gwetlha banni go agela mosako molaetsa wa ga Motlotlegi Tautona, Dr Mokgweetsi Eric Keabetswe Masisi.
Mo go tse dingwe o ne a rotloetsa banni go kgaphela kwa thoko dikgang tsa semorafe ka jaana a ne a tlhalosa fa di ka ba paledisa maiteko a go phatlalatsa ditlhabololo le dikgaolo tsa bone. O ne a ba rotloetsa go nna tshaba e e tshwaraganyeng ka lerato le neelano gore go nne le ledula mo lefatsheng leno.
Rre Tibi o ne a ba gwetlha gape go itshekatsheka ka bongwe ka bongwe go kanoka diphitlhelelo le tse di retetseng mme ba tswe ka methale ya go fetola diemo go ya pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : GHANZI
Event : Phetolo kakanyo
Date : 15 Aug 2024