Bagwebi ba ora wa mariga
05 Aug 2024
Bagwebi ba ba botlana, bogolo jang ba dijo, ba supile fa metseletsele ya kgwele ya dinao e e neng e tshwaretswe kwa Jwaneng e rudisitse dikgwebo tsa bone.
Metshameko eo, ya GM Soccer Fiesta, e simolotse ka ditlhopha tsa bomme ka Labotlhano bosigo, ya tswelela ka ditlhopha tse ditona tsa borre ka Matlhatso, pele ga e wela ka ditlhopha tsa itloso bodutu ka letsatsi la Tshipi.
Mongwe wa bagwebi bao, Mme Galaletsang Kgari o tlhalositse fa a kgonne go dira letseno le le botoka fa a tshwantshanya le jaaka a dira malatsi otlhe kwa maemelong a dipalamo tsa setshaba. A re o epile mosele wa pula go sale gale gore a kgone go akola dipoelo tsa metshameko eo.
A re le fa a simolotse go rekisa kwa lebaleng ka Matlhatso, theko e nnile e e nametsang e bile o ikaelela go oketsa tse a di rekisang mo ngwageng o o tlang.
Le fa go ntse jalo, Mme Kgari a re o eletsa gore barulaganyi ba metshameko eo, ba ka oketse metlaagana ya bagwebi ba ba botlana gore ba kgone go nna golo go le gongwe, gape ba sireletsegile.
Mme Lesedi Abraham le ene o tlhalositse fa a tsere sebaka seo go dira letseno morago ga go utlwalela ka metshameko eo mo maranyaneng.
A re e re ka e ne e le lantlha a rekisa koo, o ne a ganelela thata mo dijong tse a itseng gore di ratwa ke botlhe.
“Ke nna ke rekisa fela fa go na le mediro ya go tshwana le e, mme kwano ke gone ke simololang monongwaga ka gore ngwaga o o fetileng ke ne ke bereka golo gongwe.
Ga ke lebaka ke gorogile mme theko e a solofetsa, bogolo jang batho ba ba gorogang,” ga tlhalosa mme Abraham.
Motshwarelela mookamela moepo wa Jwaneng, Rre Goitseone Gadifele o tlhalositse fa maikaelelo a GM Soccer Fiesta e se go rotloetsa le go godisa metshameko fela, mme gape e le go nonotsha dikgwebo, bogolo jang tse di mo tikologong ya Jwaneng.
A re e re ntswa moono mogolo wa lenaneo leo, e le go fetola toropo ya Jwaneng go nna boremelelo jwa metshameko le bojanala, ba na gape le maikemisetso a go hetlha meamuso ya sennela ruri e e tlaa thusang go kabakanya itsholelo le fa diteemane di fedile.
Rre Gadifele o ne a supa fa a namediwa ke go bona metshameko eo, e e leng mo ngwageng wa boraro, e kgonne go rudisa itsholelo mo toropong ya Jwaneng le tikologo, segolo jang mo mhameng e tshwana le ya boroko, dijo le tse dingwe. ENDS
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : POTSOLOTSO
Date : 05 Aug 2024