Morwaeng o lebogela seabe sa setshaba
04 Aug 2024
Tona mo ofising ya ga Tautona, Rre Kabo Morwaeng a re tshwetso e e tserweng ke puso go boela morago melao-kakanyetso e le meraro ga se maiteko a go tsietsa ope mme boammaaruri ke go rekegela maikutlo le dikeletso tsa setshaba.
O buile jaana maabane a lekodisa babega dikgang ka tshwetso e e tserweng ke puso go boela morago melao-kakanyetso e e neng e tshwanetse go bewa Palamente pele e akaretsa tshekatsheko ya dikatso tsa ga Tautona, Mothusa Tautona, matona a puso le mopalamente fa ba tlogetse tiro.
Rre Morwaeng a re lefatshe la Botswana le tsamaisiwa ka morero, puso ya batho ka batho le therisanyo tse di dirwang go ikaegilwe ka molao-motheo.
“Re tshwanetse ra nna mmogo ka kagiso, tlotlo le botho, mme re dira jalo re kaelwa ke molao,” ga tlhalosa tona Morwaeng.
A re nngwe ya ditsamaiso tse di dirwang go setswe morago puso ya batho ka batho ke go tlhophiwa ga mapolotiki, ba e reng morago ba dire Palamente, mme e fiwe boikarabelo jwa go tlhama melao.
Rre Morwaeng a re melao-kakanyetso e meraro e e boetsweng morago e ne e batla go dira diphetogo dingwe mo dikatsong tsa ga Tautona, Mothusa Tautona, Matona le Mapalamente fa ba setse ba tlogetse tiro.
O tlhalositse gore ka tsamaiso, molao o direlwa mo pepeneneng, ka jalo setshaba se fiwa sebaka sa malatsi a le masome mararo go sekaseka diphetogo tse di akanyeditsweng le go ntsha megopolo, pele e ka buisanngwang kwa Palamenteng.
“Ba ntsha megopolo le dikakanyo tsa bone, ba supa tse ba batlang di dirwa kana ba ganana le tse di akantsweng. Ke boammaaruri setshaba se nnile le seabe mo diphetogong tse di neng di akanyeditswe go dirwa mo melaong e meraro e. Molao ga o dirwe ka sephiri, e nna phatlalatsa, o bewa mo mpaananeng,” a tlhalosa.
Rre Morwaeng a re Mapalamente le bone ba akgela mo diphetogong tse di akanyeditsweng go dirwa mo molaong ba sena go rera le setshaba, ka jalo seo se ba kaele go dira dikeletso tsa batho, e seng sepe gape.
“Bangwe ba lona ba ntshitse dikakgelo kgotsa megopolo, ba supa go tlhoka go itumela ka tse di akanyeditsweng go fetolwa mo melaong e meraro e, mme ba reediwa. Dikakgelo tsa bone di supile fa e se nako ya go ka dira diphetogo tse di akanyeditsweng kana ya go sekaseka melao e. Re le puso e e reetsang, re tlamegile go tsaya tshwetso e e supang gore re tsaya Batswana tsia, re reetsa dikgakololo, re rata morero.
‘Re le utlwile ka re le puso e e reetsang e tlotla therisanyo, neelano le seabe sa Batswana mo go ageng puso ya batho ka batho. Re tsere tshwetso ya go busetsa morago melao-kakanyetso e,” ga tlhalosa Rre Morwaeng.
Ka jalo, Rre Morwaeng a re Batswana ba tswelele ka go nna le tshepo mo tsamaisong ya puso, ka gore tse ba di buang di a reediwa.
A re Palamente ke morongwa wa setshaba, ka jalo e tshwanetse go reetsa le go utlwa se Batswana ba se buang le go akofa go tsaya tshwetso e e maleba.
O tlhalositse gore Batswana bangwe ba setse ba supile fa ba lebogela tshwetso e e tserweng go boela morago melao-kakanyetso e, ka ba lemoga puso e rekegetse dikeletso le maikutlo a bone tsebe.
A re go boammaaruri gore puso ya batho ka batho e santse e rena mo Botswana, ka jalo setshaba se na le tshwanelo ya go ntsha maikutlo a sone, se sa boife sepe.
“Ke leboga seabe sa bobega dikgang mo go tsibogeleng dikgang tsa mofuta o. Le tsere boikarabelo jwa lona, le dira jalo le gololesegile. Re le puso, re itlama go tswelela re sireletsa kgololesego le tshireletsego ya bobega dikgang. Re puso e e direlang Batswana botlhe,” ga tlhalosa Rre Morwaeng.
“Re tlaa sala morago tsamaiso, go tlhomamisetsa Palamente gore melao- kakanyetso eo e boetswe morago,” a digela. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Gaborone
Event : Phuthego ya babegadikgang
Date : 04 Aug 2024