Breaking News

Ba le 26 ba a Nyalana kwa Dovedale

31 Jul 2024

Lelwapa ke pinagare ya setshaba ka le na le seabe se setona mo popaganong, thitibalo le kagisano gareng ga setshaba.

Ka jalo lelwapa ke motheo wa motia mo go ageng tshaba e e nonofileng e e dumelang mo tswelelopeleng ya lefatshe go ya go ileng.

Mothusa Tona mo Lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo Magae Mme Talita Monnakgotla o buile se kwa moletlong wa Re-a-Nyalana kwa Dovedale bosheng.

O ne a re ke ka seo ba semeletseng go rotloetsa thulaganyo ya Re-a-Nyalana go aga malwapa e le tsela ya go tlhabolola Batswana gore ba tshelele ruri mo kagisong, go na le thitibalo ebile e le tshaba e e kitlanyeng.

Mme Monnakgotla a re o itumelela go bona sebaka sa go nna mosupi wa tiro e ntle ya Re-a-Nyalana, ba nyadisa baratani ba le 26, a tlatsa ka gore seo ke katlego e tona.

A re tsholofelo ke gore go rene tlotlo, tshireletso le kgodiso ya bana e e lolameng mo malwapeng.

Mothusa tona a re lenyalo le na le seriti, bokao jwa go aga le go bopa setshaba.

A re maitlamo a Re-a-Nyalana ke go rotloetsa le go thusa baratani ba ba nnang mmogo gore ba tsene mo lenyalong le le ka fa molaong go netefatsa gore malwapa e nna aa motia, le go tlhomamisa gore bana ba bone ba golela mo malwapeng a a nonofileng.

A re maikaelelo a mangwe ke go somarela matlotlo le boswa jwa lelwapa gore fa mongwe wa baratani a ka fulara bana ba seka ba iphitlhela ba iphotlhere.

A re Re-a-Nyalana e setse e nyadisitse Batswana ba le 7 089 lefatshe ka bophara a tlatsa ka gore fa e sale lephata la gagwe le tshwaraganela tiro le Re-a-Nyalana ba kgonne go thusa baratani ba le 195 go tsena mo lenyalong.

Mme Monnakgotla a re mo manyalong otlhe a a rulagantsweng ke Re-a-Nyalana ga go ise go nne le dikgang tsa kgaogano kana kgokgontsho, a re se se supa fa dithuto tse Re-a-Nyalana e di fang baratani pele le morago ga manyalo di le mosola fela thata mo go ageng malwapa ka di dirwa ke baitseanape ba bokgoni jo bo farologanyeng.

Kgosi Ditodi Namane wa Dovedale a re tiro e e dirwang ke Re-a-Nyalana ke e kgolo ka e thusa baratani ba ba ntseng mmogo dingwaga mme ebile bangwe ba nyalane Setswana.

A re ba leka go ba rotloetsa gore le bone ba kgone go nna le ditlankana tse di tlhokegang mo dikgannyeng di tshwana le tsa boswa le tse dingwe.

Kgosi a rotloetse banyalani go tlhokomelana le go tlotlana ka se se ka rotloetsa le go aga motse.

Mme Talita o rotloeditse ba ba nnang mmogo mo malwapeng ba ise ba nyalane ka fa molaong go dirisa lenaneo la Re-a-Nyalana ka le sa kgaphele ope kwa ntle, a re o eletsa go bona bana ba golela mo malwapeng a a kitlanyeng ba gola ka fa tlase ga kgodiso ya ga mme le ntate.

A re o tlhomamisa fa lenyalo le, le tshwana fela le manyalo a mangwe ka ditlankana tse di neelwang banyalani di tshwana fela le tsa bangwe le bangwe ba ba tseneng mo lenyalong.

A re o latofatsa dipuo tse bangwe ba di buang ba re lenyalo le ga le na boleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Victoria Kesimolotse

Location : Dovedale

Event : Moletlo wa Re-a-Nyalana

Date : 31 Jul 2024