Ba tlhajwa podi matseba ka borukutlhi jwa go gweba ka batho
31 Jul 2024
Ba lephata la molao le thokgamo, ba tshwaragane le ba International Organisation for Migration (IOM) gammogo le sepodisi sa Interpol, ba ne ba tshwere thuto seka dipuisanyo le baithuti kwa Charleshill, go ba tlhaba podi matseba ka mokgwa wa go gweba ka batho, selo se se gomagometsang go apesa lefatshe kobo ka letshoba.
Se se dule kwa thuto puisanong e e neng e tshwaretswe kwa sekoleng sa Rethuseng, letsatsi pele ga kgaolo ya Charleshill e tshwarwa letsatsi la segopotso sa mafatshe sa go ema kgatlhanong le go gweba ka batho ka Laboraro.
Modiri go tswa kwa lephateng la molao le thokgamo, Mme Shirley Ben o ne a tlhalosa fa go gweba ka batho e le mothale mongwe wa borukutlhi jo bo tlhagogileng go ralala lefatshe.
A re ba bone go le maleba go phatlalatsa thuto ka go kopana le setshaba go amogana le bone dithuto tse ka tsone di tlaa ba bayang mo tshiamelong ya go itshireletsa mo borukutlhing jo.
Mme Ben a re ba itemogetse gore bongwe mo borarong jwa bana ba amega mo dikgannyeng tse.
A re go le gantsi batswasetlhabelo ba ngokiwa ka ditsela tse di farologaneng di tshwana le go solofediwa ditiro, dikole, dikgwebo le tse dingwe mme ba fete ba fitlhele ba ngoketswe ditiro tsa go gweba ka mmele le tse dingwe tsa bokgoba.
O tllhalositse fa mongwe le mongwe a ka tswa motswasetlhabelo mme go le gantsi batswasetlhabelo ke batho ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, ba malwapa a a sa itsholelang le ba ba kgokgontshitsweng ka dititeo le ka tsa tlhakanelo dikobo.
Mme Ben a gatelela gore batswasetlhabelo ba motlhofo go jewa ka leleme ka ntata ya diemo tse ba tshelelang mo go tsone, motho a akanya gore ke jaaka a bone phomolo.
A re ba lemogile gape gore batho ba ba nang le seabe ka go gweba ka batho nako tse dingwe e a bo e le bangwe ba masika le ditsala.
O gwetlhile setshaba go nna ba laela ba malwapa fa ba tsaya maeto, gore fa go ka nna le seemo ba kgone go latedisiwa motlhofo.
Mogolwane wa Interpol, Detective Senior Superintendent Selebatso Mokgosi, o gwetlhile baithuti go itlhokomela ka bana ba amega thata ntateng ya gore go bapalwa dirwe mo go bone.
O gwetlhile bana go ikela tlhoko ka tiriso ya maranyane, a re ba tsiediwa mo maranyaneng ka go solofetswa dithoto di tshwana le madi, megala ya matheka le tse dingwe.
A re ba setse ba gatisitse dikgetsi di ka tshwara masome a mane le borataro tse di amanyang bana le molato o o tsamaelanang le wa go gweba ka batho.
Detective Senior Supt Mokgosi o ba rotloeditse go botsa dipotso tse di tseneletseng fa ba kopana le motho yo o belaesegang a le botlhabetsi.
Motshwarelela mothusa mogokgo, Rre Masire Gaetotea a re dithuto di tlaa nonotsha thuto e ba ntseng ba e ruta bana mo dikoleng.
A re dithuto di ba butse matlho le bone e le barutabana mme ba tlaa tswelela ba di amogana le batsadi le barutabana, segolo bogolo ka motse wa Charleshill o le mo molelwaneng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Charleshill
Event : Thuto puisano
Date : 31 Jul 2024