Breaking News

Bagwebi ba lebogetse ditlhabololo

31 Jul 2024

Go tlhabololwa ga lefelo le bagwebi ba mo mebileng ba direlang mo go lone kwa mmolong o mogologolo wa Kanye go file badirisi ba lefelo leo seriti le gone go tlotlomatsa dikgwebo tsa bone.

Mo potsolotsong bosheng, mothusa-modulasetilo wa bagwebi ba ba rekisetsang foo, Mme Oroba Tshogane a re marulelo le bodilo tse ba di diretsweng di tsile ka nako e e maleba ka ba ne ba lebanwe ke letlhoko la manno a a siameng a a kgatlhang leitlho la bareki.

Mme Tshogane a re ditlhabololo tse, di tsisitse pharologanyo e tona  mo dikgwebong tsa bone ka jaanong marekisetso a lebega sentle mo le bone bareki ba a itumelelang.

A re mo nakong e e fetileng go ne go sa lebege sentle ka mongwe le mongwe a ne a ikemetse ka mokhukhu wa gagwe, selo se a reng se ne se leswafatsa mmolo.

Mme Tshogane a re marekisetso a a lebega ka a rulagantswe sentle mme seo se dirile gore go nne bonolo go phepafatsa lefelo le ba direlang mo go lone.

Mogwebi yo mongwe Mme Tshepo Basimane a re lefelo jaanong le a lebega ebile le kgona go ngoka bagwebi go na le jaaka le ne le ntse pele.

“Marekisetso a rona a phuthologile, re tsenwa ke phefo ebile bangwe re kgonne le gone go oketsa dilo tse re di rekisang.” 

A re pele ga ba tlhabololelwa marekisetso ba ne ba tlhakatlhakane fela ba sa ikgaoganya go ya ka tse ba gwebang ka tsone mme seo se ne se dira gore go seka ga lebega sentle ka o ne o fitlhela barekisi ba merogo le dijo tse di apeilweng, ba diaparo le ba meriri ba le golo go le gongwe.

Mme Basimane a re seemo seo se ne se sa siamela botsogo jwa bone le jwa bareki ka go ne go se bonolo go tlhomamisa bophepa bogolo jang jwa dijo le merogo.

Mme Basimane a re jaanong ba kgaogane, selo se se thusitseng go laola seemo sa bophepa. 

A re e le bagwebi ba ikemiseditse go dira ka gotlhe go tlhokomela lefelo leo ka nako tsotlhe, a supa fa ba tlhophile komiti e e tla a bong e itebagantse le tlhokomelo le phepafatso ya lefelo.

Lefelo leo le le fa pele ga lebentlele la Choppies gaufi le maemelo a dibase a Kanye le tlhabolotswe ke mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Kanye Borwa Dr Lemogang Kwape. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Naomi Leepile

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 31 Jul 2024