Breaking News

Mokgatlho wa Gochwe o aba dipompo

31 Jul 2024

Mokgatlho wa kgwele ya dinao wa Gochwe Social Club o abetse batlhoki ba le babedi dipompo tsa metsi tse di lopileng P6 000 kwa Tsabong bosheng.

Modulasetilo wa mokgatlho Rre Tshepo Mautle o tlhalositse fa metsi e le konokono mo botshelong jwa motho ke ka moo ba boneng go le maleba go thusa  Mme Kesego Kgaudi wa kgotla ya Bogosing le Rre Thusoyaone Bareki wa Kgotla ya Ikageng kwa Tsabong.

A re Gochwe Social Club e simolodisitswe ka 2022 mme e bopilwe ka batho ba ba tswang kwa Kgalagadi Bokone, ba ba berekelang kwa Tsabong le ba ba nnang kwa Kgalagadi Borwa e le Bakgalagdi/ Bangologa. 

A re ba ikopantse  le bao ba nang le lerato mo mokgatlhong.

O boletse fa maitlamo a bone a akaretsa o abela setshaba le go ema nokeng mananeo a ga Tautona jaaka la Mindset Change.

Leloko la mokgatllho, Rre Aobakwe Kganetso a re maikaelelo a bone ke go tlhabolola botshelo jwa motho gore go se nne le ope yo o salelang kwa morago, e le lengwe la maitlamo a Tebelopele ya setshaba ya 2036.

A re komiti ya ditlhabololo tsa motse ya botlhaba le bophirima, ba ba thusitse go tlhopha maina a ba ba ka thusiwanag fa koporase ya metsi kwa Tsabong e ne ya thusa ka go phepafatsa, go rema ditlhare, go penta ntlo le go gokela motlakase kwa lelwapeng la ga Rre Bareki.

A re keletso le maikaelelo a bone ke go ithaopela bana bangwe ba lekwalo la bosupa, mophato wa boraro le wa botlhano go ba thusa mo dithutong tsa bone e le tsela ya go rotloetsa thuto mo dikoleng tse di mo kgaolong eo.

Rre Kganetso a re mokgatlho o godile e bile o na le maloko, setlhopha sa kgwele ya dinao le barati ba feta lekgolo le masome a supa, ba e leng bone ba o bopileng mme ba sa ntse ba butse dikgoro mo go botlhe ba ba o kgatlhegelang.

Moanamisa mafoko wa mokgatlho, Rre Archie Mmabe o tlhalositse fa ba tswa kgakala ba thusa baithuti mo dikoleng tse di farologaneng mo kgaolong eo jaaka se se botlana sa Kisa ka go rekela bana dijana.

A re ba thusitse sekole sa Nhake, Seetelo le Tsabong ka go ba rekela didirisiwa tse di tlhokafalang ka nako ya ditlhatlhobo tsa lekwalo lwa bosupa.

Rre Mmabe a re ba ne ba thusa ditlhopha tsa kgwele ya dinao di akaretsa Black Rangers, Desert Nxau, King Rogers le  Makgabs FC.

A re ba reketse Rre Bareki dijo le go penta ntlo ya gagwe ya kamore e le nngwe.

Moemedi wa lelwapa loo Rra Bareki, Mme Keaorata Bareki o galaleditse mokgatlho go bo o dirile pharologanyo mo botshelong jwa ngwana wa bone.

Mme Kgaudi o ne a supa boitumelo a bo a ba phophotha legetla ka go mo gokela metsi ka a ne a sokola, a kopa metsi. A supa fa gape ba tswa kgakala ba mo eme nokeng le mo setlhopheng sa gagwe sa kgwele ya dinao sa Makgabs FC. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Kabo dimpho

Date : 31 Jul 2024