Banana ba botlhokwa mo itsholelong
30 Jul 2024
Go botlhokwa gore banana ba nne le dikitso le maikarabelo go tokafatsa itsholelo le isago ya lefatshe.
Banana ba Lentswelatau ba buile se bosheng jaaka Lephata la Metshameko, Bong le Ngwao le ne le tshwere letsatsi la mafatshe fatshe go ipelela dikitso tsa banana kwa motseng oo.
Monana wa mo na-le-bogole, Rre Kago Moatshe a re o motlotlo go bo a ne a nna mongwe wa ba ba lesome ba ba neng ba fiwa ditlankana tsa dithuto tse ba neng ba di tsene kwa Vumila Training Institute, kwa Gaborone a supa fa thuto e ba e anywileng e ka thusa go fetola ka fa ba ntseng ba akanya ka teng.
Rre Moatshe, o ne a tsene dithuto tsa go dira dijo ka di tswa nameng, merogo le maungo.
A re ba ithutile le go itirela ka diatla selo se se ka ba thusang go thama mebereko.
“Thuto e re e amogetseng ga se e ope a ka re e amogang, mme tsholofelo ke gore re tle re rute ba ba neng ba seyo ka re ithutile ka ditswa nameng, maungo le merogo,” Rre Moatshe a supa a bo a kopa bagolo go ba ema nokeng ka dinako tsotlhe le go ba kgothatsa.
O lebogile ba tsaya karolo botlhe go ba ema nokeng a re dikitso tse ba tswang go di rutwa di ba kgothaditse go tia moko le go fitlhelela ditoro tsa bone le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho tsa botshelo.
Bangwe ba ne ba kaya fa ba itumeletse maiteko a puso a go thusa banana ka mananeo a a ka ba tlhabololang go fema letlhoko la ditiro, ba re seo se ka ba thusa go fokotsa manokonoko a lehuma le go tshetsa ba malwapa a bone.
Monana yo mongwe, Rre Moetlapele Oageng o ne a akgola ba Lephata la Metshameko, Bong le Ngwao go bo ba ne ba ba tsisetsa ba tshidilo maikutlo ka banana ba ba sa berekeng ba gatelelwa ke maikutlo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keagetswe Motsumi
Location : LENTSWELETAU
Event : Ipelo
Date : 30 Jul 2024