Breaking News

Reverend Omphile ke moruti wa Thataganyane

30 Jul 2024

Go fitlhelela maitlamo a kereke le go aga phuthego e e nonofileng, moruti o tshwanetse go tsaya maloko ka tekatekanyo le gone go rerisana le phuthego mo go tsotlhe gore a kgone tiro ya gagwe. 

Ka kereke e le botlhokwa mo matshelong a batho, moruti jaaka  modisa wa letsomane o tshwanetse go tlhokomela maloko le go ba fa tsholofelo. 

Rra baruti wa kgaolo tsa Lesoso  le Kolobeng Reverend Pono Gakekgonwe o  buile se ka Tshipi  jaaka kereke ya  United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) e ne e tlhoma Reverend Innocent Omphile go etelela phuthego ya Thataganyane kwa Serowe. 

O ne a re bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba  kopanyang eseng ba ba kgaoganyang, ka jalo a mo kopa  gore a nne sekao mo kerekeng le kwa lwapeng la gagwe.

A re a seka a letlelela phuthego go tsamaya fa pele ga gagwe gape a ithute batho ba a ba eteletseng pele.

O ne a mo rotloetsa go tswelela a rapela, go kopa Modimo go mo fa kitso, tlhaloganyo e e nonofileng le botlhale jwa go goga phuthego. 

Reverend Gakekgonwe a re dilo tse dingwe di tlhokana le thapelo fa tse dingwe di batla botlhale.

O ile a tswelela a re moruti o filwe tetla ya go aba selalelo le go tshwara ditirelo tsotlhe mo diphuthegong fa a laleditswe.

Reverend Omphile o kailwe fa e le motho yo o bonolo thata.

Mogolwane wa kereke eo Mme Tshireletso Motiki o buile se a lekodisa phuthego ka moruti Omphile. 

A re ke motho yo o boikobo, a rata go ithuta le go rata se a se dirang.

A re ba bone seo fa a theogela pele ga nako e a e beetsweng a sa ngongorege.

Mme Motiki a re moruti wa bone o tlhola balwetse le bagodi mo malwapeng a bone a sa itsape, a a fa dikgakololo tse di maleba jaaka motsadi.

O ne a supa fa e le komiti ba ne ba itse gore fa go ka nna le phoso ke ya bone botlhe. 

A re ba eleletsa moruti botsogo le katlego  mo tirong ya gagwe ya go etelela phuthego pele, le go ikanya Modimo ka nako tsotlhe.

A re moruti Omphile o supile boikarabelo jo bo kwa godimo mo tirong ya Modimo mme a re e le phuthego ba itumelela tlhomamiso ya gagwe. 

Mme Motiki a re e le kereke ba na le letlhoko la setsha mme a re o na le tshepo le tumelo  ya gore ka fa tlase ga bogogi jwa ga Reverend Omphile ba tlaa bona fa ba obamelang teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : SEROWE

Event : Go tlhongwa ga moruti

Date : 30 Jul 2024