Sekole se se botlana sa Swaneng se kopa thuso
30 Jul 2024
Mogokgo wa sekole se se botlana sa Swaneng a re ba na le dikgwetlho tse dintsi mo sekoleng sa bone tse di tlhokang go tsibogelwa ka pela.
Rre Tlhabologo Motsamai o buile se ka Matlhatso fa ba ne ba na le mogwanto wa dikhilomethara di le lesome o o duelelwang e le tsela ya go kokoanya madi a go reka ditena tse di alwang fa fatshe ka ba nna le bothata ka nako ya dipula go sa tsamaege mo sekoleng.
Rre Motsamai a re ba ile ba kopa dithuso mo bathong le mo dikgwebong mme ba lemogile gore megwanto e e duelelwang e ka ba tswa thuso, mme jalo a ikuela mo setshabeng go ka thusa ka fa ba kgonang ka teng ka e tlaa bo e le go tshwaraganela thuto ya bana mmogo.
A re e le botsamaisi jwa sekole ba lemogile kgwetlho e o mme a supa fa ba tla leka go e baakanya ngwaga o o tlang fa ba dira tiro e gape ya mogwanto.
O ne a tswelela a kopa le go leboga ba ba kgonneng go ba thusa go tswelela ba ba thusa go re ba tle ba fitlhelele maitlamo a bone.
Rre Motsamai o ile a tswelela a leboga bana ba sekole, batsadi, le barutabana go tswelela ka mowa wa tirisano mmogo, ka gore fa ba bereka ba tshwaragane ba tlaa kgona.
E rile a ntsha la gagwe mogwanti mogolo go tswa kwa Master Quarry kwa Serowe e le mogolwane wa pabalesego le botsogo jwa tikologo (Safety Health Environment Manager), Rre Mogomotsi Passman a re erile ba bona taletso ya mogwanto o ba itumela thata jaaka kompone ka se se supa gore go na le bangwe ba ba ba lemogang, seo se ba tiisa moko le go feta.
Rre Passman o ile a supa gore kompone ya bone e tlaa thusa sekole ka ditena di le dikete tse pedi a supa gore go ya pele ba tlaa tswelela ba thusa sekole sa Swaneng fa go na le letlhoko.
A re ba tla dira gotlhe mo ba go kgonang go re sekole se nne le moalo wa ditena .
Mo malebong morutabana mo sekoleng seo Rre Lesego Segotso o lebogile botlhe ba ba kgonneng go ba thusa, batsadi le bana ba ba tsileng mogwantong, a kopa gore ba seka ba ba felela pelo fa ba ba kopa thuso epe fela kana ba kopa bana go tla mogwantong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : Serowe
Event : Mogwanto
Date : 30 Jul 2024