Breaking News

Seabe sa kereke konokono mo tsamaisong lefatshe

30 Jul 2024

Kereke ke nngwe ya dikarolo tse di botlhokwa mo popaganong ya batho le mo go ageng lefatshe.

Se se lemotshega thata fa lefatshe le lebanwe ke dikgwetlho, ka dikereke di kopiwa go rapelela diemo go ritibala. 

Mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi o  buile se kwa mogwantong o o duelelwang, o o neng o rulagantswe ke ba kereke ya ST John’s Apostolic Faith Mission of Botswana ba lekalana la Letsholathebe kgwedi eno e le masome a mabedi le bosupa.

Se, a re se kaya  fa dikereke e le karolo e e botlhokwa thata mo go kopeng mautlwelo botlhoko kwa Modimong.

Mopalamente o ne a kopa dikereke gore lentswa di farafarilwe ke dikgwetlho ka go farologana, di tswelele di gagamatse mo thapelong, segolo jang kgatlhanong le masula ka go farologana a a tsweletseng ka go apesa lefatshe leno kobo ka letshoba.

Rre Moabi o supile kamego ka ditiragalo di tshwana, kgokgontsho ya bong, dipolaano, tiriso botlhaswa ya bana mo go tsa tlhakanelo dikobo ga mmogo le tsa bosheng tse mo go tsone borre bangwe ba gapetseng bana ba bone matshelo.

 A re batho ba rapela ka nnete le go ithuta mokgwa wa go isa ditebogo kwa Modimong, go  araba dilelo tsa bone le go bula dikgoro tsa go fitlhelela tse di tlhokegang.

Rre Moabi o tsweletse a supa fa a na le tumelo ya gore thapelo ke yone fela tsela e e ka thusang go dibela kagiso le ledula mo lefatsheng leno le gone go thusa baeteledipele ba lefatshe go tswelela ba busa ka fa tshwanelong.

Mo dikgangnyeng tsa kgokgontsho ya bong, Mopalamente Moabi o ne a gakolola borre go tswela kwa ntle fa ba babalelwa ke kgokgontsho, a re go swa senku ke gone gantsi go bakang gore ba nne le tshakgalo e e felelang e gogela kwa dipolaanong.

 Fa a tlhalosa maikaelelo a mogwanto oo, molomaganya ditiro tsa komiti e e neng e rulaganya tiro, Mme Elizabeth Cheshango a re morago ga go lemoga seemo se ntlo ya bone ya kobamelo e leng mo gone sone le letlhoko la ditlamelo dingwe, ba ne ba tsaya tshwetso ya go kokoanya madi ka mogwanto o o duelelwang.

A re maikaelelo ke go leka ka bojotlhe go baakanya  kereke le go tsibogela tse di tlhokafalang.

Mo mafokong a gagwe a kgothatso, moruti wa kereke ya King David Prayer Mountain, Rre Leonard Mutheto o ne a supa botlhokwa jwa dikereke mo go godiseng mmuso wa legodimo.

A re go a itumedisa go bona dikereke di ipelega ka maikaelelo a go godisa ntlo ya Modimo.

 Fa a tshwaela tebang le masula a a diragalang mo lefatsheng leno, Moruti Mutheto a re ke sesupo sa gore lefatshe le a lwala, ka jalo ke nako ya gore mongwe le mongwe go sa kgatlhalesege gore a o tsena kereke a tiise mo thapelong.

Fa a leboga, Bishop Moganedi Seepo yo o eteletseng diphuthego tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba o ne a leboga botlhe ba ba ba rotloeditseng mo tirong eo, go balelwa le dikereke tse dingwe ka go farologana.

Bishop Seepo o ne a gatelela botlhokwa jwa go bereka mmogo ga dikereke, a re go ka ba thusa go diragatsa moono wa bone wa go gasa enfangele ya Modimo le go rapela ka tlhomamo kgatlhanong le masula a a golelang pele mo lefatsheng leno. 

Mogwanto oo, o ne wa kokoanya  P12 114. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : LETSHOLATHEBE

Event : Mogwanto

Date : 30 Jul 2024