Breaking News

UDC e rola ntlhopheng

30 Jul 2024

Maloko a phathi ya Umbrella for Democratic Change (UDC) ba re ba ipaakanyeditse go fetlhela Batswana mebereko. 

Ba buile se kwa phuthegong ya phatlalatsa kwa kgotleng ya Xhosa 1 kwa Mahalapye Botlhaba ka Tshipi, kwa ba neng ba supa ntlhopheng wa bopalamente Rre Augustine Nyatanga.

Kgaolo ya Mahalapye Botlhaba e ne ya sala e sena moemedi morago ga gore moemedi wa pele Rre Yandani Boko a tlogele dipolotiki.

Mothusa tautona wa UDC, Rre Ndaba Gaolathe o boletse fa go fetola puso go batla banna le basadi ba ba ekiteileng sehuba ba na le boineelo le boammaruri jaaka Rre Nyatanga .

Rre Gaolathe a re dikgoro tsa go thama ditiro di tlaa bulega fa phathi ya UDC e ka tsaya puso, a tlatsa ka gore ba tlaa aga itsholelo, ba betla matshelo a batho.

Rre Gaolathe yo gape e leng tautona wa phathi ya Alliance for Progressives (AP) o ne a kopa batlhophi go isa Rre Nyatanga kwa palamenteng jaaka ba ne ba dira ka rre Boko.

Sebui se sengwe, Mopalamente wa Palapye, Rre Onneetse Ramogapi o boletse fa go sena ditiro le melemo mo dikokelong, go berekwa ka badiri ba nakwana kwa maphateng otlhe a puso le kwa sepodising.

A re ba tsepame ka maitlamo a bone a go tla go dira ditiro di le 100 000 mo dikgweding tse di lesome le bobedi.

Rre Motsamai Motsamai, yo e leng mopalamente wa Ghanzi Borwa a re UDC e ikaelela go oketsa madi a bagodi e nna  P1 500 ka kgwedi ebile ba ya go rekela basetsana ba sekole mesangwana ya bomme.

Mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima Rre Dithapelo Keorapetse o kopile batlhophi go tlhopha mopalamente wa kganetso ka e na le tebelopele.

Fa a amogela thomo ntlhopheng, Rre Nyatanga o boletse fa a gwetlhilwe ke go bona banana ba sokola ba sa bone ditiro le mororo ba rutegile.

Rre Nyatanga yo e leng rraboipelego ka dithuto gape e le mogwebi o solofeditse gore ga a kake a tlhabisa batlhophi ditlhong fa ba ka mo isa palamenteng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetha

Location : Mahalapye

Event : Phuthego

Date : 30 Jul 2024