Breaking News

Ngwao eka ngoka bajanala

29 Jul 2024

Go supa le go somarela letlotlo la ngwao go ka ngoka bajanala le go fetlha mebereko mo lefelong.

Ka jalo motse wa Mahalapye o o humileng dingwao ka go farologana tsa merafe e e  akaretsang Bangwato, Baherero, Bashona, Barotsi, Bakalaka, Batalaote, Maxhosa le Batswapong, ba ba nang le dingwao, diteme, meaparo le dijo tse di farologaneng e ka dirisa seo go itshetsa. 

Mothusa mokwaledi (DPS) mo lephateng la Banana, Bong le Metshameko, Rre Tebogo Matebesi o buile se kwa moletlong wa go ribolola dingwao tsa merafe e e fitlhelwang mo Mahalapye ka Matlhatso o o bidiwang, Moko Cultural Festival, ka setlhogo se se reng,  Ngwao letlotlo.

Rre Matebesi o rotloeditse tshomarelo ngwao ka mefafe e mengwe e eletsa go itse ka bone, mme seo se ka tsenyetsa letseno a ba ka tlhabololang motse wa bone ka one. 

O ba kgothaditse go kwadisa dikomiti tsa mekgatlho ya bone tse di batlang go supa le go bontsha lefatshe dingwe tsa dingwao tsa bone a re lephata le ikemiseditse go ba ema nokeng ka tsotlhe.

Rre Matebesi o kaile ka moletlo wa dithubaruba kwa Molepolole, o o thusang gore go nne le tswelelopele ya ngwao, go e godisa le go e tsosolosa, a tlatsa ka gore ngwao e tshwanetse go bolokwa gore dikokomane tse di tlang di e fitlhele.

Kgosi ya Mahalapye ebile e le mothusa modulasetilo kwa ntlong ya dikgosi, Kgosi Tshipe Tshipe a re ngogola fa a tsaya setilo s go etelela morafe, a ipetela tsela e a tsileng go tlhabolola motse wa Mahalapye ka teng mme nngwe ya tsone e le go ribolola dingwao tse di fitlhelwang mo motseng.

Kgosi Tshipe le mophato wa gagwe wa Makobamotse ba ikemiseditse go kopanya morafe ka go supa dingwao tsotlhe ka moletlo o tshwana wa `Moko Cultural festival wa ngwaga le ngwaga.

O boletse fa ba dira thata le dikgotla tsa Botalaote, Konyana, Herero le Xhosa tse di mo Mahalapye.

Kgosi Tshipe a re  Mahalapye o tlholegile fa thabeng e e bidiwang Moko, selo se se tsetseng leina la Moko Cultural Festival.

A re ba batla go aga lefelo la dijo fa thabeng eo, le go tlaa apeelwang dijo tsa netswana fela.

O boletse gape fa ba tlaa dira lefelo le go tlaa itloswang bodutu.

A bo a re melatswana e e bonwang teng e tlaa dirwa matangwana a batho ba tlaa dirisang mekoro go itlosa bodutu.

Go tlaa dirisiwa thaba eo go itshidila mmele le gore btho ba t;e go palama dipitse le dikuta mme ba tsenye madi.

Modulasetilo wa komiti e e neng e baakanyetsa tiro eo, Rre Mompati Ntapu a bolela fa ba batla go fetola motse wa Mahalapye ka go dira ditiro tse di kgathisang ka ngwao ba thama mebereko.

A re se se tlaa thusa banana go ikgaphe mo ditirong tsa borukutlhi jo motse wa bone o balelwang mo metseng e e apesitsweng kobo letshoba nke borukutlhi.

Rre Ntapu a re Mahalapye o humile dingwao tse di ka humisang lefatshe la Botswana, a tlatsa ka gore badiragatsi ka bontsi mo lefatsheng leno ba tswa Mahalapye mme ba batla gore ka ditalente tsa bone ba beye Mahalapye mo mmepeng.

O boletse fa ba dira thomo le toro ya ga Kgosi Tshipe.

Kwa moletlong oo merafe e ne ya supa kapari, dijo, puo le ditsamaiso tsa merafeya bone  ka farologaneng.

Ba supa patlo le go baya botsetse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : MAHALAPYE

Event : Tibololo dingwao tsa merafe

Date : 29 Jul 2024