Moeteledipele wa BATLA o akgola lekgotla la kabo ditsha la Ghanzi
29 Jul 2024
Moeteledipele wa lekgotla la Botswana Association of Tribunal Land Authorities (BATLA), Rre Kgang Kgang o akgoletse lekgotla la kabo ditsha la Ghanzi go dira ka natla go isa ditirelo kwa setshabeng.
O buile se ka Labone kwa bokopanong le maloko a lekgotla ka maikaelelo a go buisana ka tsamaiso e e lolameng ya kabo lefatshe, go kanoka ditirelo tsa bone gammogo le go tla ka methale e e tlhabolotsweng go tokafatsa go isa ditirelo kwa setshabeng.
Rre Kgang a re lekgotla la kabo ditsha la Ghanzi le itshupile bothakga mo thomong e e sa tswang go wela ya ga Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi, go gwetlha makgotla a kabo ditsha go aba ditsha tsa bonno di le 100 000.
A re mo pitsong e, lekgotla la kabo ditsha la Ghanzi le ne la tsaya maemo a bobedi morago ga go fiwa selekanyo sa go aba ditsha di le 2 528 mme ba fetisa selekanyo ka go aba 4 926.
Rre Kgang o ba gwetlhile go tswelela ka mowa wa go dira mmogo le ka natla, go ntsha maduo. ditsamaisong
A re makgotla a kabo ditsha a faraferwe ke dikgang kwa makgotleng a ditsheko mme a ba kopa go ithuta molao, go hema dipharologano.
A re dipalo tsa dikgang tsa ditsheko tsa lefatshe di tshwanetse go ba gwetlha ka bongwe ka bongwe, go itshekatsheka, ka go tlaa ba thusa go tla ka methale e e tlhabolotsweng go nonotsha melao le go tswala diphatlha mo tirong ya bone. Rre Kgang a re go tokafatso ditirelo tsa tsamaiso melao ya kabo ya lefatshe, ba tshwanetse go rerisanya le morafe le ba na-le seabe, go tsaya ditshwetso tse di maleba ba sa tlogele ope kwa ntle.
A ba rotloets go nna sekao, mo setshabeng ka go direla dilo mo pontsheng, go hema dikgang tsa tshenyetso setshaba tse le tsone a supileng di ba apesitse kobo ka letshoba.
O ne a ba itsise fa lekgotla la BATLA le sa itebaganya fela le dikgang tsa kabo lefatshe mme le kgathala ka tshireletsego ya ditshwanelo tsa babereki.
A ba kopa go bopagana, go bua ka lentswe le lengwe go tlisa diphetogo mo seemong sa pereko.
Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Ghanzi, Rre Mothethi Kwadibe o lebogile moeteledipele wa BATLA ka maiteko a go kopana le makgotla a kabo ditsha go tsaya megopolo mo go bone, go leka go tlhabolola tsamaiso ya kabo ya lefatshe go tsamaelana le seemo sa diphetogo tsa ditlhabololo.
Rre Mothethi o tlhalositse fa ba kgonne go atlega mo thomong ya ga Tautona ka tshwaragano ya bodiredi le maloko, mme a ba gwetlha go tshegetsa thulaganyo eo, go ya isagong.
A re monogwaga ba beetswe seelo sa go baya ditsha di le 2 650 mme ba setse ba kgonne go baya di le 515.
O supile fa ba itemogela dipalo tse di kwa tlase tsa go arabela peo ya ditsha segolo bogolo kwa mafelong a Bere, Kacgaee le New Xade.
Rre Mothethi a re ba dira ka gotlhe go itshwaraganya le baikopedi ka megala le mekwalo mme go sa kgonafale.
A re gape ba lebanwe ke kgwetlho ya tiego ya go ntshiwa ga meriti ya ditlankana, go goga dinao do duela ditsha tsa dikgwebo, tlhaelo ya didirisiwa gammogo le bodiredi.
Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Charleshill, Mme Keodirile Gaebuse o gwetlhile maloko go tshwaragana go bua ka lentswe le lengwe ka dikgang tsa kabo lefatshe gammogo le tse di amang pereko ya maloko gore dikeletso tsa bone di atlege. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : GHANZI
Event : Bokopano
Date : 29 Jul 2024