Moshaga o rotloetsa kagiso le therisano
29 Jul 2024
Seopedi e bile e le mokgothatsi, Dr Taolo Moshaga o kopile dikgosi kwa Serowe go letlanya morafe wa Bangwato.
Dr Moshaga o buile se kwa phuthegong e a neng a e tshwere le magosi a Serowe ka Labotlhano a re ba tlise kagiso le ledula mo motseng.
Phuthego e, e ne e le go ba lebogela tirisano mmogo mo tirong ya go rapelela lefatshe, e a kileng a e rulaganya le dikereke ka go farologana kwa motseng oo.
A re o tswa kgakala a itse fa Bangwato e le batho ba ba ratang kagiso go simolola ka tautona wa ntlha, Sir Seretse Khama.
A re bantshe dilabe tse di fa gare ga morafe gore o nne ka kagiso e ba itsegeng ka yone.
Dr Moshaga o kgothaditse gore bogosi go kitlana, go bereka ka bongwefela jwa pelo, go na le therisano gore dilo di tsamaya sentle kwa Gammangwato.
A re morafe ga o a tshwanela go tshelela mo letshogong mme ba nne ka phuthologo mo motseng wa bone.
O ba rotloeditse go bereka ka mowa o le mongwe le mothusa kgosi wa GaMmangwato, Kgosi Serogola Seretse.
A re dithata tsa dikgosi di ka aga setshaba se se kitlaneng.
Kgosi Seretse o tlhalositse fa go nna le lerato le boammaruri go isa lefatshe kwa pele mme a leboga maiteko a ga Dr Moshaga a go dira diphetogo kwa Serowe, a re o jwadile peo e e molemo.
A re Modimo o ba eme nokeng mo dikgwetlhong tsotlhe tse di ba emang pele.
Kgosi Seretse o kgothaditse banni go fetola ka fa ba ntseng ba dirang dilo ka teng go gatela pele a bo a supa fa a tshwenngwa ke dintsho tse di bakwang bogolo ke borre. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Phuthego Ya magosi
Date : 29 Jul 2024