Breaking News

Masisi le Merck Foundation ba aba metshine

28 Jul 2024

Mohumagadi wa ga Tautona Mme Neo Masisi le lekgotla la Merck Foundation ba supile fa ba santse ba tlaa dira mananeo a go inola bomme mo lehumeng.

O buile se bosheng fa a etetse kwa Old Naledi mo Gaborone kwa lekgotla la Merck Foundation le thusitseng ka go rekela bomme ba motse metshine e e rokang.

A re ka tshwaragano le Kgosi Motlhatswi Pule yo o okametseng Old Naledi, ba ne ba lemoga fa tshotlako ya bomme e gola mo kgaolong mme ba thulanya ditlhogo go batla tharabololo.

“Bontsi jwa mekgatlho ya bomme ga e a kwadisiwa. Ka jalo re ne re tshwanelwa ke go ikopanya le ba ba ka tsayang boikarabelo; jaaka ba VDC ka ba lemogwa e le batsamaisi mo metseng. Ke bone ba ba neng ba golaganya bomme le kgosi go tswelela pele ka tiro e,” a tlhalosa.

A re mo go lekeng go namola bomme mo manokonokong a lehuma le tshotlako, ba ne ba kopa dithuso kwa go ba Merck Foundation ba ba neng ba ba atla mme ba thusa ka metshine e e rokang.

A re ba lemogile fa dithuso tseo di tlhokega Botswana ka bophara mme ba rulaganya go atolosetsa lenaneo kwa dikgaolong tse dingwe.

Mma Masisi a re, maikaelelo ke go se tlogele ope kwa morago, ka puso ka nosi e ka se kgone.

“Re leba dikgaolo tsa itsholelo e e kwa tlase le ba ba kobo dikhutshwane, mme re tlhome matlho foo,” a tlhalosa.

A re dikitso tse ba di abelang bomme di ka aroganwa le bana bogolo ba basetsana go ba thusa go emisa kgokgontsho ya bong.

O ne a re bontsi jwa malwapa bo tlamelwa ke bomme ba ba nang le borre ba ba ba kgokgontshang ga mmogo le bana.

Mme Masisi a re bomme ba go nna jalo ga ba kgone go tswela ntle ka ntlha ya kgethololo mo setshabeng.

O ne a re mananeo a ka ruta bana, le ba ba botlana gore ba emise kgokgontsho ya bana mo go tsa tlhakanelo dikobo.

Mme Masisi a re o batletse bomme ba moitseanape wa tsa mekgabo le diaparo go ba ruta go sega le go roka.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Monene Kgosietsile o lebogetse metshine e le mene e ba e filweng.

O ne a re ba dirisa metshine eo go dira kapari ya bana ba sekole le tse dingwe go tsenya madi mo letloleng.

Ba Merck Foundation ba ne ba re ba itumelela go bona bomme ba sa itsapa go tsenya diatla go tlhabolola matshelo a bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gontle Merafhe

Location : GABORONE

Event : Kabo dimpho

Date : 28 Jul 2024