Breaking News

Ba akgola mananeo a puso

28 Jul 2024

Moakodi wa lenaneo la Chema Chema, Mme Kesegofetse Kebatlogetse o gwetlhile ba ba eletsang go tsaya lenaneo go ikgatholosa dipuo tsa bangwe tsa gore puso e ikaelela go bakela Batswana melato e e tlaa feletsang e ba tsenya mo kgolegelong.

Mme Kebatlogetse yo o neng a rekisa kwa motlaaganeng wa lekalana la LEA kwa ba neng ba beilwe teng ka ditshupo tsa temo-thuo tsa Ghanzi, o supile fa go tshwenya go bo bangwe ba itomeletsa go dirisa Chema Chema ka ntlha ya dipuo tse di senang boammaaruri tsa bao ba ba kgalang lenaneo leo.

“Ga re a tshwanela go tshaba mananeo a ka gore a diretswe go re tlhabolola e seng sepe fela. Ga gona puso epe e e ka iphetlhelang batho ba yone mme ya tla ka maano a go ba tsenya ka kgolegelo,” Mme Kebatlogetse a supa.

Mogwebi potlana yo o rekisetsang mo mokgwatheng kwa Ghanzi o tlhalositse fa P5 800 yo a mo adimilweng ka lenaneo la Chema Chema kgwedi e e fetileng a mo thusitse go oketsa tse a gwebang ka tsone mme e bile a setse a le mo maemong a go simolodisa go rekisa dijo tse di apeilweng di akaretsa mogodu le borotho, go tlatsa dino-tsididi le dilekere tse a ntseng a di rekisa.

O boletse fa a tsaya kgwebo-potlana ya gagwe ka tlhwaafalo ka e le yone a ikaegileng ka yone go itshetsa le ba lelwapa la gagwe mme a rotloeditse bagwebi ka ene le ba ba eletsang go tsena mo kgwebong, go tlhopha dikgwebo tse di gaufi le pelo tsa bone a re seo, se botlhokwa fa go tla mo go emelaneng le dikgwetlho.

A re seo se ka ba thusa ka ba tlaa seke ba ineele motlhofo ka ntlha ya lerato la bone mo go se ba se dirang.

Rre Judas Baeba yo le ene a thusitsweng ka lenaneo le mme a direla kwa Qabo o akgotse puso go bo e mo thusitse go tsosolosa toro ya gagwe ya go nna le kgwebo.

A re morago ga go aga semausu ka 1990 a seka a kgona go se tsenya mo tirisong ka a ne a sena madi a go reka tse a ka di rekisang mme a supa fa Chema Chema e ne ya mo tla matshidiso ka kadimo ya P4 700.

O kaile fa a na le tumelo ya gore o tlaa kgona go duela madi, go ya ka fa tumalanong ya kadimo.

Rre Baeba a re sengwe se a se ratang ke tshegetso e a e fiwang ke ba LEA le CEDA, a re kemonokeng ya bone e tlaa mo thusa go tshwara kgwebo sentle le go e dibela kgatlhanong le go ka felela e phutlhame.

Rre Comet Radidiba yo le e ne a neng a le kwa ditshupong ka fa tlase ga motlaagana wa LEA mme a thusitswe ka lenaneo la banana la YDF a re go a itumedisa go bona puso e leka ka gotlhe go tlhatlosa matshelo a Batswana.

Mogwebi yoo wa kgwebo ya go nosetsa ditshipi a re le fa P100 000 yo a thusitsweng ka ene a sa kgona go mo rekela didirisiwa tsotlhe tse a di tlhokang, o mo tlodisitse melatswana ka a kgonne go simolola kgwebo, selo se a neng a retelelwa ke go se dira ka boene.

“Ke ithutetse tiro e yame kwa Madirelo Training Centre ka 2005 go ema ka 2008 mme letlhoko la madi le ne la mpaya fa fatshe la mpaledisa go ka ipulela kgwebo dingwaga tse tsotlhe. Jaanong YDF e nitrile motlotlo ka e kgonne go fetola ditoro tsame boammaaruri,” Rre Radidiba o ne a tlhalosa.

Puso e simolodisitse lenaneo la Chema Chema go rotloetsa dikgwebo tse di potlana ka go farologana ga tsone, le go rotloetsa Batswana ba ba senang se ba itshetsang ka sone go tsena mo kgwebong, go fetola itsholelo ya malwapa a bone.

Mo lebelong la go gogela Botswana mo maemong a go ka ntsha dijo tse di lekaneng batho ba lone mme seo se fokotse bokete jwa dijo tse di rekwang kwa ntle, puso e tsweletse ka go fa Batswana mananeo a a farologaneng a ka one ba ka thusang lefatshe la bone go fitlhelela maikaelelo a. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Majoto

Location : GHANZI

Event : Potsolotso

Date : 28 Jul 2024