Ba kgothaditswe go ipolokela madi
25 Jul 2024
Maloko a mokgatlho wa Badiri Ba Meepo Pensioners Associations (BBMPA) ba kgothaditswe go tsenelela koporase ya SACCOS go ipolokela madi.
Kgothatso e, e dule ka modulasetilo wa BBMPA SACCOS, Rre Serame Gaerobale kwa bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa maloko a BBMPA kwa Palapye ka Labobedi.
A re ba simolodisitse koporase e, ka ba ne ba bona badiri ba pele ba meepo ba sa bone bongaka jo bo siameng, diphitlho le dikadimo tsa madi, a supa fa SACCOS e siame e bile e le ka fa molaong.
A re maloko mangwe ga ba kgone go tsena SACCOS ka ba sala ka madi a mannye mo dikamogelong tsa bone tsa bogodi mme a ba gakolola gore ba ka dirisa madi ape fela a ba a bonang.
Rre Gaerobale a ba rotloetsa go oka maloko a masha gore SACCOS e nne le madi, ba kgone go adima ka gompieno madi a se kalo a tlhaela maloko.
Modulasetilo wa komiti ya National Management Committee, Rre Edward Moganana a re ba tshwenngwa ke go sa lemogwa ke meepo e ba e diretseng.
A re keletso ke gore meepo efe badiri ba yone ba pele sebaka sa go etela meepo go akola dithuso tsa botsogo kwa dikokelong tsa bone.
A re ba ikaelela go batla ditsha tse ba ka dirang dikgwebo mo go tsone, a re ga ba tseye ditshwetso ba le nosi, ba dirisa molao motheo ba bo ba rera le maloko.
O kaile fa ba le mo lenaneong la go batla dipolase tse maloko a ka ruelang mo go tsone, a re mogopolo o mongwe ke go hirisa dipolose, mme ba duela mokgatlho gore o bone sengwenyana.
A re maikaelelo a komiti kgolo ke go godisa le go tiisa mokgatlho ka mananeo a a ka dirang letseno.
Leloko go tswa kwa kgaolong ya Palapye, Mme Tshepho Gabathusi o lebogetse bokopano jo, a supa fa ba ithutile go le gontsi mo go jone e bile ba kgonne go amogana maele le megopolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : Kgothatso
Date : 25 Jul 2024