Batswana bangwe ba saletse kwa morago ka a re chencheng
25 Jul 2024
Ntswa letsholo la Mindset Change le digetse ngwaga le boloditswe ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi go lebega Batswana bangwe ba santse ba saletse kwa morago go fetola ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng.
Se, se supafetse mo potsolotsong le banni bangwe kwa Serowe le Mahalapye ka Laboraro, go bona ka fa go fetola dikakanyo, megopolo le boitshwaro di ba sologetseng molemo ka teng.
Rre Themba Morakaladi, yo o sa tswang go tlogela tiro ka bogodi mo lephateng la dikatso tsa bagodi e le mokgweetsi, o tlhalositse fa diphetogo dingwe di saletse kwa morago.
Rre Morakaladi yo o dingwaga tse 60 yo e leng moagi wa Mahalapye a re go tshwanetse ga fetolwa gore motho a seka a tlogela tiro ka dingwaga tse 60, mme di fetole gore a tlogela fa a simolola go amogela madi a bogodi ka gore jaanong o abe a sa bereke gope ebile a a bolokilweng a pereko a tla morago ga nako e telele mme go jesetse bagodi mo kgobedung.
A re dingwaga tsa dikamogelo tsa bagodi di tlhoka go fokodiwa go tswa kwa go 65 go ya kwa go 60.
Mme Mogametsi Tapologo wa dingwaga tse 47 yo o itshetsang ka go rekisa mo semausong kwa kgotleng ya Mmapitse kwa Serowe a boletse fa dilo di santse di dirwa jaaka bogologolo go sena phetogo epe mme a eletsa fa di ka fetoga.
O tlhalositse fa bagwebi bogolo jang ba ba botlana ba santse ba sokodisiwa ke go duelwa ke puso lebaka legolo ele kgang ya gore maranyane ga a bereke sentle.
Mongwe wa banana Rre Mompati Phetogo wa dingwaga tse 30 wa masimo a Tshethong go bapa le Serowe, o boletse fa a eletsa go bona go na le diphetogo jaaka banana ba thapiwa mo ditirong go ba ntsha mo mekgwatlheng le go amega mo ditirong tsa borukutlhi le nnotagi. BOKHIUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 25 Jul 2024