Breaking News

Banni ba Tupswa ba leboga puso

25 Jul 2024

Banni ba Tupswa, Malete, Seleka, Rasesa, Machaneng le Letoreng ba lebogile puso go bo e atlile kopo ya bone ya gore ba bulelwe le go letlelelwa go dirisa noka ya Limpopo.

Ba re ba sale ba kopa se dingwaga, mme seo se tlaa ba thusa go tsena mo temong ya nosetso le go tshwara ditlhapi.

Ba buile se bosheng kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/ Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang.

Dr Gobotswang o ne a sa tswa go ba itsise fa puso e dumalane le kopo ya bone go bulelwa noka ya Limpopo, a re pele e bulwa puso e tlaa reka dipolase dingwe tsa Tuli Block gore go bulege.

A re kgang e, e tlaa thusa banni fela thata ka ba tlaa kgona go akola go le gontsi jaaka bojanala, go tshwara ditlhapi le go bewa masingwana a temo ya nosetso.

Dr Gobotswang o supile fa go bulwa ga noka e, go tlaa letla maphata a itshireletso a tshwana le sepodisi le sesole go tsamaya sentle fa thoko ga noka ya Limpopo ba lwantsha borukutlhi.

Dr Gobotswang o supile fa kgang ya phatlalatso ya metsi kwa kgaolong e le botoka le fa go na le metse mengwe e e santseng e na le letlhoko la metsi fale le fale e tshwana le Seleka, Tupswa, Malete, Rasesa le Machaneng kwa metsi a santseng a na le malatsi a a kgaolwang ka one.

O ne a tshepisa banni fa a tlaa tsibogela kgang e ka go e isa kwa go ba ba maleba, go rurifatsa gore metsi a kgone go anama mo metseng ya bone.

Dr Gobotswang o supile fa e rile go lemogeng fa dikole tsa kgaolo di le mo letlhokong le le kwa godimo la didirisiwa di tshwana le ditilo, ditafole le materase kwa dikoleng tse dikgolwane tse di nang le boroko jwa baithuti e leng sa Ramokgonami le sa Mokobeng le tse dipotlana, a buisanya le banni mme ba dumalana gore mangwe a madi a a fiwang dikgaolo a P10 million a dirisiwe go thusa dikole.

A re ka ditumalano le banni, ba ne ba rebola madi a a kana ka P4.6 million go isiwa kwa dikoleng mme mo nakong eno, dikole tse dikgolwane di kgonne go rekela baithuti ditilo, ditafole le metshini e e ntsifatsang dipampiri.

O kaile fa a sa itumelela gore khansele ya Mahalapye ga e a kgona go rekela dikole tse dipotlana ditilo le ditafole mme a ise a utlwe pego ya gore ke eng ba sa dira jalo.

A re go a swabisa ka mo dikoleng dingwe go supafala fa go rekilwe ditilo fale le fale mme e le tsa boleng jo bo kwa tlase ka dingwe di setse di robegile mme di nniwa ke bana ba bannye.

A re kgang e nngwe e e neng e tshwenya mo kgaolong ya gagwe e ne e le ditsela tsa sekontere tse di neng di senyegile mme di dirilwe sesha jaanong di tsamaega.

Mopalamente one a tsibosa banni ka mananeo a a ntshitsweng ke puso a tshwana le Chema Chema, Thuo Letlotlo le Temo Letlotlo.

A ba rotloetsa go a tsaya gore  a ba thuse.

O ne a supa matshwenyego ka lenaneo la Chema Chema le a supileng fa le ise le goroge kwa metseng ya kgaolo ya gagwe, a re lenaneo le, le tshwanetse le latele banni gore ba ba le tsamaisang ba itsise banni ka lone ka go ka nna dingalo gore ba le latele kwa Mahalapye.

Dr Gobotswang a re go supafetse fa palo ya ba ba setseng ba ikwadiseditse lenaneo le ele kwa tlase. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : MACHANENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Jul 2024