Molaodi o kopa tshwaragano go phepafatsa toropo
24 Jul 2024
Maphata ka go farologana le morafe wa Jwaneng ba rotloeditswe go tshwaraganela go phepafatsa toropo eo, e le nngwe ya maiteko a go ipelela ngwaga letsholo la go fetola dikakanyo le sena go ribololwa.
Fa a buisa baeteledipele ba maphata bosheng, molaodi wa toropo ya Jwaneng, Rre Goleba Kgari, o tlhalositse fa mongwe le mongwe a na le boikarabelo jwa go netefatsa gore tikologo ya gagwe e mo seemong se se siameng, kwa lwapeng le kwa tirong.
Ka jalo, o ne a re go botlhokwa gore babereki ba simolole go dira pharologanyo mo diofising tsa bone le kwa malwapeng.
Mo godimo ga moo, Rre Kgari o ne a rotloetsa bana le seabe botlhe, ba akaretsa dikgwebo le morafe ka kakaretso go tshwaragana le go amogana didirisiwa go netefatsa gore ba busetsa serodumo sa toropo eo.
A re e re ntswa ditsompelo dingwe di tlhaela, ba tshwanetse go dirisa tse ba nang natso gore tikologo ya bone e lebege.
“Re a itse gore ga rena ditsompelo tse di kalo, mme re tlaa leka ka bojotlhe gore tse re nang natso re di amogane ka dikgotla tsa rona ka go farologana.
Ke rotloetsa gore ba ba nang le didirisiwa ba di tlise ka kwano gore re kgone go di hapaanela le go di kabakanya sentle,” o kopile jalo.
Rre Kgari o ne a supa fa go le botlhokwa gore dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse le tsone di nne le seabe gore di kgone go tsibosa le go ngokela morafe mo moonong o o botlhokwa o.
A re go dira jalo go tlaa tsosolosa mowa wa boipelego le gone go tsweledisa bophepa jwa toropo ele selo sa sennela ruri.
Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa fa melao ya khansele e tlaa dirisiwa go tsela dikgato botlhe ba ba hapogang tsamaiso, bogolo jang ba ba leswafatsang tikologo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : letsholo la go phepafatsa tikologo
Date : 24 Jul 2024