Ba nwa lenaneo moro kwa Hukuntsi
24 Jul 2024
Bagwebi ba gakolotswe go ikamanya le letsholo le le tshweletseng la go fetola dikakanyo, maikutlo le boitshwaro mo go botlhokwa mo go tlhabololeng dikgwebo tsa bone.
Ntswa bagwebi ba leka ka thata go tlhabolola digkwebo tsa bone, go tlhoka gore ba kgothadiwe go ela tlhoko ka fa ba tsamaisang dikgwebo tsa bone.
Mo potsolotsong le mothusa molaodi wa kgaolo ya Hukuntsi, Mme Maipelo Koketso o buile se kwa a gatelela thata kgang ya go bula le go tswala madirelo ka nako e e tshwanetseng.
Mme Koketso a re bagwebi ba tlhaloganye botlhokwa jwa go tshwara bareki ka lerato, a supa fa mo bogompienong, bagwebi ka bontsi mo kgaolong ba sa supe kgatlhego ya go dira letseno ka ba itlhokomolosa dintlha tse di ka thusang go ba tsenyetsa letseno.
Mong wa madirelo a ColMors Auto Spares, Mme Ontibile Morubisi o lebogetse kemo nokeng e e tswang mo maphateng a puso ka go farologana. A re fa e sale Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a ribolola letsholo la
Mindset Change ngwaga o o fetileng o itemogetse phaloganyo e e nametsang, a supa fa jaanong puso e reka mo go bone.
A re kgatelopele ya bone ya go diragatsa mogopolo wa ga tautona wa go fetola dikakanyo le megopolo mo madirelong a bone, e itebagantse thata le go ntsha ditlamelo tsa boleng jo bo kwa godimo.
A re se, se godisitse kgwebo ya gagwe, a re ba dira ka thata go ruta bareki ka bomolemo jwa go reka ditsompelo tsa boleng.
A re kgwebo ya gagwe jaanong e a nametsa ka bontsi jwa ditsompelo tse ba di rekisang di le teng, a re ka ntlha ya kgolo ya tsa mosepele, go motlhofo go reka le go tsisa dithoto go tswa Gaborone.
Mme Morubisi a re o mo thulaganyong ya go oketsa madirelo ka go rekisa dithaere.
O gakolotse bagwebi ba bangwe go fetola ka fa ba dirisang madi a dipoelo mo dikgwebong tsa bone, a re gore kgwebo e gole go tlhokafala gore ba faloganye madi a kgwebo le a ditiro tsa lelwapa.
A ba gakolola gape go emisa go kolotisba bareki, le go emisa go letlelela ditsala go kolota kgotsa go adima madi a kgwebo, ka se se ka diga kgwebo.
Mme Inoge Mwaila wa madirelo a Inno’s Hair Saloon a re mogopolo wa A re Chencheng o ba thusitse fela thata mo kgwebong ya bone.
A re ka ntlha ya letsholo le, ba kgonne go fetola ka fa ba dirang ka teng mo madirelong a bone, jaaka go tshwara diphuthego tse di remeletseng le go tlhabolola ka fa ba dirisanyang ka teng le bareki ba bone.
Mme Mwaila a re ba setse ba itemogetse kgolo ya bareki le letseno, ka ba itse go dirisanya le bareki ba bone, a supa fa se, se thusa thata mo itsholelong ya babereki ba gagwe.
A re lantlha ba ne ba itemogela dikgwetlho tsa dikgotlhang fa gare ga babereki ba gagwe le bareki, a tlatsa ka gore jaanong sengwe le sengwe se tsamaya ska ba na le kitso ya gore moreki o tshwarwa jang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : HUKUNTSI
Event : Potsolotso
Date : 24 Jul 2024