Lephata le tlaa thusa baithuti le babereki ka sepalamo
24 Jul 2024
Lephata la Thuto le tlaa ntsha sepalamo go thusa bana le babereki ba sekole se se botlana sa Tati go ya go fitlha baithuti ba sekole seo ba le bararo, ba go belaelwang ba bolailwe ke rraabone, Phukwi a le malatsi a le lesome le bosupa kwa Tatisiding.
Bana bao ba dingwaga tse 13, 10 le boferabobedi, e ne e le baithuti ba sekole sa Tati mme ba tlaa fitlhwa ka Tshipi kwa Tamasane.
Yo mogolwane mo go bone o ne a bala lekwalo la bosupa, yo mongwe la bone fa yo monnye a ne a bala la bobedi mme botlhe ke basimane.
Moanamisa mafoko wa lephata la thuto kwa kgaolong ya Bokone, Rre Leaname Tebele o boleletse BOPA fa e le boikarabelo jwa lephata go gomotsa le go thusa mo diemong tsa mofuta o, a re ke ka moo lephata le tsereng boikarabelo jwa go thusa baithuti le babereki ba sekole go ya go fitlha bangwe ka bone.
A re go a tshwanela gore ba eme mmogo mo dipakeng tse di thata, go gomotsana le go thusa ka tse di tlhokegang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 24 Jul 2024