Breaking News

BERA e rutuntsha setshaba ka leokwane

24 Jul 2024

Mogolwane wa lephata la Botswana Energy Regulatory Authority (BERA), Rre Kuvare Venjonoka a re go botlhokwa gore batho ba itse leokwane le le siametseng dikoloi tsa bone go itsa ditshenyegelo.

O buile jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa Jwaneng ka Labobedi, e maikaelelo a yone e neng e le go rutuntsha baji bareki ka molao o mosha wa leokwane.

O tlhalositse gore mefuta ya leokwane e dirisiwa mo dikoloing tse di farologanyeng, ka jalo go botlhokwa gore mongwe le mongwe a itse mofuta o o siametseng koloi ya gagwe.

A re go itse seo go ka fema ditshenyegelo le gone go fokotsa dingongorego kwa marekisetsong a leokwane.

Mo godimo ga moo, Rre Venjonoka a re go botlhokwa go nna le sesupo sa theko fa moji moreki a ngongoregela sengwe kwa marekisetsong.

“Re rotloetsa gore le tle ka sesupo sa theko fa o ya go ngongorega, mme ebile o tsenye ngongora ya gago mo nakong e khutshwane bosupi bo santse bo le bosha. O tsweletse a tlhalosa gore molao o mosha o file marekisetso maikarabelo a go tlhatlhoba leokwane go netefatsa gore le siametse dikoloi.

A re molao oo gape o pateletsa marekisetso a leokwane go nna le thulaganyo ya go sireletsa bareki fa sengwe se ka diragalela dikoloi tsa bone ka lebaka la leokwane kana thuso e ba e fiwang.

A re ntswa molao o tlhalosa fa babereki ba madirelo a leokwane ba tshwanetse go dira ditlhatlhobo tsa botsogo ngwaga le ngwaga, ga gona fa o papamatsang teng gore mohiri o ba thusa jang fa botsogo jwa bone bo koafaditswe ke go berekela fa leokwaneng.

Ka jalo, a rotloetsa babereki go inaakanya le melao ya pereko go rarabolola dikgang tsa mofuta o. Moanamisa mafoko wa BERA, Rre Tshepang Monare a re ba boloditse letsholo lefatshe ka bophara go ruta batho ka molao o mosha wa leokwane, o o tseneng mo tirisong kgwedi ya Moranang monongwaga.

A re mo letsholong leo, ba rutuntsha ba-na-le seabe ka go farologana ba akaretsa bagwebi ba bannye le ba batona, babereki gammogo le setshaba ka kakaretso.

Rre Monare a re ba bone go le botlhokwa gore ba rutuntshe batho ka ditsetlana tsa molao oo tse di itebagantseng le boikarabelo jwa dikgwebo tsa leokwane gammogo le ditshwanelo tsa bareki.

A re gape ba ruta setshaba ka ditsela tse di siameng tsa go dirisa mefuta ya leokwane le gone go ipabalela go itsa dikotsi fa go tshwerwe leokwane.

“Re itemogetse gore go na le ditiragalo tse di diragetseng tse di sa nnang sentle di bakwa ke go tlhoka go tshwara kana go dirisa leokwane sentle, ka jalo dithuto tsa rona di akaretsa le yone ntlha e e botlhokwa ya tiriso e e siameng ya leokwane.” BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 24 Jul 2024