Breaking News

Banni ba ngongoregela tshwetso

23 Jul 2024

Banni bangwe ba metse e e neng e itsege ka leina Tumasera kwa kgaolong ya Sefhare/ Ramokgonami e mo nakong eno e kgaogantsweng mme e bidiwa Tupswa, Malete le Rasesa ba supile ngongorego ka tshwetso e e tserweng ya gore metse ya bone e eme ka bonosi.

Banni ba supile fa ba ne ba sa rerisiwa mo tshwetsong ya go kgaoganya metse ya bone, ba re leina Tumasera ba ne ba le bopile e le Tupswa, Malete, Seleka le Rasesa mme ba motse wa Seleka ba rebolwa ke kgotla ya ditsheko go tswelela ba bidiwa ka leina la Seleka ka jalo, bone ba sala ka leina Tumasera.

Ba buile se mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/ Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang jaaka fa a ne a etetse kgaolo ya gagwe ya botlhophi ka Mosupologo.

Rre Basiami Kolagano kwa Tupswa, o supile fa go ise go nne le morero ope ka kgang ya go fetola metse go ikemela ka bongwe ka bongwe mme ba ne ba gakgamala Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse a bitsa phuthego ya kgotla go ba itsise se.

A re e le metse e meraro ya Tupswa, Malete le Rasesa e ne ya re morago ga go lemoga gore ba dipalo potlana, ba ikopanya mme ba felela ba dira ditlhabololo mmogo ba bo ba dumalana le gore ditlhabololo dingwe tse di tswang kwa pusong di agiwe mo lefelong lefe kana di nne fa kae gore botlhe ba kgone go di akola.

Ka jalo a re dikgang tsa gore metse e eme ka bongwe ka bongwe di ne di tlhokana le gore di kabo di ne tsa isiwa kwa morafeng wa metse e, mme tsa rerisanngwa pele go na le gore di tseelwe tshwetso.

Rre Kolagano o supile fa ba sena bothata jwa gore dikgosi di godisiwe le metse eo e nne le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse mme fela go ne go tlhokile gore morafe o rerisiwe pele ka ba ne ba nna mo kagisong mme dikgang tse fa ba sa di buisanya di tlaa ba kgaoganya e le metse.

A re dikgang tsa gore dikgosi di godisiwe ba tswa kgakala ba di bua mme ka fa ba neng ba ipopile ka teng, e kare go a thubiwa ka jalo a re puso ga e a ba direla sentle.

A re ba tlaa kopa tlhaloso ya gore ke eng ba kgaoganngwa mme puso e se yone e ba kopantseng.

A re dipalo tsa batho di tsile go ba baya ka fa mosing fa ba setse ba kopa ditlhabololo, ka tshwaragano ya metse e ne e le botlhokwa mo go seo. 

Rre Kolagano a re ba tsile go kopa ditlhabololo ka bongwe ka bongwe ka dipalonyana tse ba nang le tsone, di bo di ganana.

Rre Ratemo Tsheko wa Tupswa o lebogile tshwetso e e tserweng mme a supa fa a na le tsholofelo ya gore ba tlaa bona diphetogo nako e ntse e tsamaya. Rre Barayamang Motlhanka o ne a supa fa banni ba tshwanetse ba ele tlhoko kgang e mopalamente wa bone a neng a ba gakolola gore ditlhabololo di tla ka motse mme ba tshwaragane e le metse ba tswelele ba kope ditlhabololo ba tshwaragane.

E ne e rile go le pele, Dr Gobotswang a itsise banni fa Tupswa, Malete le Rasesa janong e se dikgotlana mme e le metse fela jaaka Tona Autlwetse a ne a tla go ba itsise. Dr Gobotswang o ne a supa fa tshwetso e tserwe mme go emetswe go bona gore melelwane ya metse eo e tsamaya fa kae le go emela ditshwetso tsa gore go buiwe gore seemo sa dikgosi ke eng le gore folaga e tle le tse dingwe.

O ne a lemotsha banni fa diphuthego tse di neng di tshwarelwa kwa kgotleng ya bone ya Tumasera, di fedile mme diphuthego di tlaa tshwarelwa kwa dikgotleng tsa metse ya bone.

A re ditlhabololo tsa metse eo di tlaa tswelela di tshwaragane ka le metse ya bone e tshwaragane mme kgang e e santseng e sa itlhalose sentle ke gore ditlhabololo di tlaa tshwaraganelwa jang.

O supile fa banni ba tshwanetse go bona gore a go ka seke go nne le komiti ya ditlhabololo tsa metse e e okametseng metse ya bone gore e kgone go lomaganya ditlhabololo.

Dr Gobotswang a re banni ba metse eo ba tshwanetse ba itse gore ditlhabololo tsa puso di sala morago dipalo tsa batho mme ba tshwanetse ba itshupe ka dipalo. A re fa go dirwa tlhabololo nngwe go lebiwa le dipalo.

A re kgotla ya Tumasera e ba ntseng ba e dirisa e ya go akolwa ke motse o e beilweng mo go one. O ba rotloeditse go tshwaragana ka ba tshidile mmogo, ba tswelele ba tshele fela kjalo. A re leina le ba ntseng ba le dirisa la Tumasera le tlaa tsamaya le ntse le le teng mme le tlaa apoga ka bonya ka bonya go fitlhela le sa dirisiswe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : RASESA, MALETE, TUPSWA

Event : Diphuthego ya Kgotla

Date : 23 Jul 2024