Ditlhabololo di ka ngoka babeeletsi
23 Jul 2024
Ditsela tsa Serowe/Palapye le Mabeleapudi/Serule tse di sa tswang go shafadiwa di tlaa nna le seabe mo go tsiseng ditlhabololo le go ngoka babeeletsi.
Go tlhalositswe fa di tlaa thusa mo go fefoseng ditirelo le go nolofatsa motsamao wa dithoto mo kgaolong ya Serowe bokone.
Mopalamente wa Serowe Bokone Rre Baratiwa Mathoothe o buile se fa a buisa phuthego kwa kgotleng ya Mauba kwa Serowe ka Mosupologo.
A re ditlhabololo ga di a felela foo ka go tlaa agiwa diofisi tsa sepodisi tsa bobedi kwa kgotleng ya Dinokwane le ya ditsheko le tsa ga mmakaseterata kwa kgotleng ya Semane.
A re go tlaa agiwa Livestock Marketing Centre mo Serowe e le ya bobedi mo Botswana ka go na le ya Tsabong kwa Kgalagadi South.
O boletse fa madi a tlhabololo dikgaolo a P10 million jaanong a tlaa dirisiwa go dira ditsela tse di fa gare ga metse.
Le fa go ntse jalo, o solofeditse banni ba kgotla ya Mauba dimente di le lesome tse di tlaa dirisiwang mo kagong ya leobo la kgotla ya bone go oketsa se ba nang le sone.
Mopalamete Mathoothe o ne a etetse banni ba kgotla eo go ba lekodisa ka tsa palamente e e fetileng le go ba bolelela ka tse ba di kgonneng tse ba neng ba di kopile.
Mo go tse dingwe, banni ba supile matshwenyego ka maranyane a a dirisiwang kwa diofising tsa puso ba bolela fa a ba kgoreletsa go akola dithuso ka nako ka a se boikanyego.
Ba boletse fa ka nako tsa maloba go santswe go dirisiwa mekwalo go thusiwa, go ne go le botoka thata ka gore gompieno batho ga ba rekise leruo la bone ebile bagwebi ba ba rekiseditseng puso dithoto go tsaya nako e telele gore ba duelwe ka lebaka la maranyane a a sa berekeng sentle.
Mongwe wa barui Rre Jimmy Maletsanaka a re ba tshwenngwa ke dikgang tsa gore maranyane a kwa tlase kana ga a yo mo diofising.
A re fa a rekisa leruo la gagwe go ithusa, go diega ka lebaka la maranyane.
Rre Maletsanaka o tlhalositse fa maranyane ao a kgoreletsa Batswana go akola mananeo a puso a a duleng gore ba itshetse ka nako tsotlhe gotwe maranyane a kwa tlase.
O boletse fa bangwe ba tswa kgakala jaaka kwa metseng e e kgakala le ditlamelo mme fa gongwe ba boe ba iphothere ka ditshenyegelo ka bothata jwa gore maranyane a a kwa tlase kana a kgaogile.
Banni ba ngongoregile ka ditsela tse di fagare ga kgotla ya bone ya Mauba ba bolela fa di le maswe fela thata mme ba kopa gore le bone ba akarediwe fa go dirwa ditsela ka lenaneo la kgaolo la ditlhabololo Constituency Community Projects funding (CCP).
Mme Elisabeth Mantakana o kaile fa ditsela di sa nna sentle mme ka nako tsa dipula go sa tsamaege ebile metsi ka bontsi a tsena mo malwapeng a batho ka mmetela.
O tlhaositse fa mesele e e laolang kgopho ya metsi e sa nna sentle mme e tshwanetse go tsibogelwa pele ga dipula di gosomana.
Fa Mme Oaitsi Kaisara o ne a bua a sa kgwe ae mathe ka barui baba ruetseng mo Serowe mme leruo la bone le senya ditlhare tsa maungo, di roba dipompo gape di senya le diterata tsa malwapa a bone.
O kopile ba lephata la bye-law la khansele go thusa go laola leruo le le senyang mo Serowe gore barui ba le ise kwa merakeng go itsa dikgogakgogano, a bolela fa ditlhare tsa gagwe a di rekile boturu.
Mo kamogelong baeng, kgosi ya kgotla ya Mauba, kgosi Kenosi Serite a bolela fa a ngongoregela banana ba kgotla ya gagwe ka go tlhoka go tsena diphuthego tsa dikgotla le mororo bodiredi ja puso ba rera ka mananeo a puso a ba tshwanetseng go ithusa ka o ne.
Kgosi Serite o tlhalositse fa bogodu bogolo jo bo dirwang ke banana bo ba apesitse kobo ka letshoba mme ba kopa gore go nne le clusters mo kgotleng ya bone.
O boletse fa ba batla leobo la kgotla ka gore madi a ba a kgobokantseng a sa lekane mme ba kopa dithuso go dira leobo la kgotla. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Jul 2024