Breaking News

Thutuntsho ka Chema Chema e tsamaya sentle

22 Jul 2024

Phatlalatso le ithuthuntsho ka lenaneo la Chema Chema go rotloetsa dikgwebo tse di potlana e tsweletse sentle mo kgaolong ya Tsabong. 

Mogolwane wa Local Enterprise Authority (LEA) mo Tsabong Rre Onalenna Mmatli a re ikwadiso ya lenaneo leo e tsweletse sentle ka mo nakong eno ba setse ba kwadisitse baikopedi ba le 2 233 mme ba le 1 623 ba atlegile.

Rre Mmatli a re tiro e dirilwe mo metseng yotlhe ya kgaolo go tsibosa batho mme go simolotswe kwa Bray, mme mo nakong eno ba tsweletse kwa Kokotsha go tsenya lesedi mo bathong ka lenaneo leo le go kwadisa ba ba supileng kgatlhego ya go akola lenaneo.

A supa jalo gore ba lomagane le ba Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) ba boa seboaboane mo metseng yotlhe gore batho ba nne ba ikakanye mme e re fa bat sere tshwetso ba nne segautshwane le bone go ba thusa.

O ne a supa letshwenyego la gore batho bangwe ba ne ba katla ka samorago ba tshaba go tsaya lenaneo ka bangwe ba ne ba gasa mabarebare a gore baikopedi ba tlaa tsena kgolegelo fa ba ka palelwa ke go busa madi a ba a adimilweng. 

Rre Mmatli o tlhalositse fa go sena ope yo o tlaa yang kgolegelong ka maikaelelo a lenaneo le, e le go tlhatlosa le go atolosa dikgwebo tse dipotlana tsa Batswana. 

A re le fa go le jalo, tema ya go isa lenaneo kwa Batswaneng e a bonala le molaetsa o a goroga ka Batswana ba tsweletse ka go tsenya dikopo go thusiwa ka lenaneo leo.

A tlhalosa fa kwa tshimologong ba ne ba biditse batho botlhe ba ba maleba go ikwadisa mme letsema le tsweletse ka jaanong ba butse mafelo a ikwadiso kwa Middlepits, Tsabong le Werda go fokoletsa batho go tsamaya sekgala se se leele go tsaya ditlamelo. 

“Re setse re ba rutuntshitshe go ba fa lesedi la go tsamaisa kgwebo.

Re bone ba ba setseng ba na le dikgwebo le ba ba eletsang go simolola mme re dira seo re golagane le, bo Kgosi, makgotla a ditlhabololo tsa metse ka go farologana le makhanselara. Re aname le metse yotlhe go leka go tlhalosa,” a bolela.

Rre Mmatli a re lenaneo leo le ka neelwa motho yo o fetileng dingwaga tse di lesome le boferabobedi (18). 

A supa jalo gore le itebagantse thata le Motswana yo o sa direng gope mme a tsenya net profit ya P200 000, motho yo o sa kgethisiweng. Gape a re le itebagantse le dikgwebo tse di potlana tse di sa kwadisiwang- Informal sector. 

A supa jalo gore mo nakong eno batho ba ba thusitsweng ke ba ba gwebang ka dimausu, ba ba ruileng dikoko, le ba ba dirang tiro ya diatla a supa jalo gore batho ba ba palo ntsi go thusiwa ke batho ba bo mme a tlatsa ka gore ba itumelela gore banana le bone ba tsweletse ka go supa kgatlhego mo lenaneong leo.

Rre Mmatli a re dingongorego tse ba di itemogetseng ke gore fa mogwebi yo mmotlana sena go go neelwa mokwalo wa gore o atlegile go sena go dirwa ditshekatsheko tsa gore o ka thusiwa ka bokae ba neela tshwene marapo fa madi a ba thusiwang ka one a tlaa fokoditswe. Sekai ke gore fa a ne a batla P12 000 a bo a fiwa P4 000 o felela a nna fa fatshe a sa ye go tsaya madi kwa CEDA mme seo se bo se ba busetsa ko morago.

O ne a tlatsa ka gore go dirwa ditshekatsheko tse di tseneletseng gore ba bone gore motho o ka neelwa bokae lentswa a ne a kwadile madi mangwe. 

A supa gore ba ntsha madi ao ba lebile gore fa kgwebo e ntse e tsweletse fa motho a feditse go duela o a letlelelwa go kopa gape go nna a ntse a atolosa kgwebo. 

A supa jalo gore moikopedi o kgona go adimiwa madi a a sa feteng P50 000 mme go sekasekwa pele.

A supa jalo gore e le ba LEA ba tsweletse ka go tlhatlhelela bagwebi ba babotlana ka dithuto tsa kgwebo gore dikgwebo tsa bone di itshetlela mme ba dira seo ka go itse ko ba teng le gore ba tlhoka eng le eng.

Mogwebi wa dithaere kwa Kokotsha Rre Finn Lebokwane a re o tsere lenaneo kgwedi e e fetileng mme le mo thusitse fela thata go fitlhelela ditoro tsa gagwe tsa go nna le kgwebo.  A supa jalo gore o pecha dithaere, o rekisa dithaere, mme lenaneo le mo thusitse ka madi a P21 568 go reka didirisiwa tsotlhe tse a di tlhokang go dira kgwebo mme mo nakong eno kgwebo e tsamaya sentle mme ebile bana ga ba wele mo isong.

Mogwebi wa semausu kwa Khawa Mme Griet Lesope a re o tseneletse dithuto ka lenaneo la Chema Chema bosheng mme o amule dikitso ka gore ba LEA le ba CEDA ba ba lekola kgapetsa-kgapetsa. A tlhalosa fa a ikwadiseditse lenaneo leo mme o mo thulaganyong ya go tsaya madi go atolosa kgwebo ya gagwe.

O supile fa a letile ka bopelotelele ka gore o na le tsholofelo ya gore fa a ka atlega go thusiwa ka madi kgwebo ya gagwe e tlaa gola. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Chema Chema

Date : 22 Jul 2024