Tsayang dithuto tsa Mindset Change ka tlhwaafalo
21 Jul 2024
Modulasetilo wa khansele ya Palapye, Rre Jordan Makhura o kgothaditse badiri ba khansele ya Lobatse go tsaya dithuto tsa Mindset Change ka tlhwaafalo ka le le botlhokwa mo katlegong ya lefatshe leno.
Rre Makhura o buile se kwa thuto-dipuisano ya badiri ba khansele ya Lobatse e e neng tshwerwe kwa Palapye bosheng.
Fa a ba amogela kwa kgaolong ya Palapye, o ne a tlhalosa fa a itumeletse botsalano jwa bone le khansele ya Lobatse jo a reng bo tlaa ba thusa go tswa ka maano le megopolo ee ka thusang lefatshe go atlega.
Rre Makhura a re go botlhokwa gore dikhansele di rotloetse kana di godise Mindset Change.
O ba rotloeditse go dirisa thuto puisano eo, go ithuta, go aga, go rotloetsa, go anya dikitso tse di tlaa ba thusang.
Rre Makhuraa re go fetola dikakanyo, mekgwa le boitshwaro go botlhokwa mo tirong ka jalo a re go tlhoka gore botlhe ba dire jalo.
A re bokopano jwa mofuta o, bo botlhokwa ka bo thusa badiri go aga botsalano jo bo tiileng e le badiri mmogo, tshwaragano e e leng tsela ya konokono ya katlego.
Rre Makhura a re go bereka mmogo ba tshwaragane go ka ba kgontsha go fitlhelele maitlamo a bone a go direla setshaba.
O ba kgothaditse gore ba dirise sebaka se go ithuta go gola mo tirong le matshelong a bone. Fa tlhalosa ka maikaelelo thuto-puisano, ratoropo ya Lobatse, Rre Ramphoto Kedikilwe a re ke go nonotsha le go aga tirisano mmogo ya badiri le go ba fa tshidilo maikutlo. Rre Kedikilwe a re ba itshekatsheka gore ba kgonne eng mo lenaneo la bone la ngwaga, go tswala dikgoro, go tswa ka maano le go baakanya tse di sa welang sentle.
A re bokopano bo fa badiri sebaka sa go lapolosa ditlhaloganyo ba se mo tirong ba le mo lefelong le sele.
Rre Kedikilwe a re ba tsentse dithuto tsa Mindset Change ka di thusa mo dilong di le dintsi go akaretsa tsa phetogo ya ngwao.
A re dithuto tse di tlaa thusa badiri go fetola dikakanyo, mekgwa boitshwaro le ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng.
Mogolwane wa Achievement Enterprises, Mme Rachel Nekati a re dithuto tsa go fetola maikutlo, dikakanyo, boitsholo di botlhokwa ka ebile Tautona wa lefatshe leno Dr Mokgweetsi Masisi a tlhabile mokgosi wa Re-Set Agenda le Mindset Change gore mongwe le mongwe fa a teng a itshekatsheka ka fa akanyang ka teng.
Mme Nekati a re se, se batla gore motho ka boene a ipatisise gore o akanya jang ebile o ka fetola jang.
A re go a kgonega gore motho a fetole dikakanyo, a tlhalosa gore boboko jwa motho bo kgona go fetoga.
Mme Nekati a re dikgwetlho di teng mme ga di a tshwanela gore di kgoreletse dikakanyo tsa motho.
A re ba tshwanetse ba nna le tlhaloganyo ya kgolo.
Mme Nekati a re mindset ke seemo sa tlhalogaganyo mme e bile dikakanyo le maikutlo, di ka fetolwa ke motho ka esi. BOPA
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : Thuto-dipuisano
Date : 21 Jul 2024