Breaking News

Ba Okavango ba rotloediwa go phepafatsa tikologo

21 Jul 2024

Banni ba kgaolo ya Okavango ba rotloeditswe go phepafatsa le go ntlafatsa malwapa le metse ya bone.

Molaodi wa kgaolo ya Okavango Rre William Keareng o buile se bosheng kwa letsatsing la go phepafatsa motse wa Tsodilo.

A re kgaolo ya Okavango e ntle, e humile ka ditsa tlholego ebile e le boremelelo jwa bojanala ka jalo e tshwanetse go nna phepa go ngoka bajanalala. ngwaga lenaneo la go fetola dik

O tlhalositse fa lefatshe la Botswana le ya go ipele ngwaga lenaneo la go fetola dikakanyo (Mindset Change) le boloditswe ka jalo kgaolo ya Okavango e le yone e tlhophilweng go tshwara mokete oo kgwedi eno e tlhola masome a mararo kwa Seronga.

Rre Keareng o ne a re go ipela moo go ya go lemoga le go atswa metse le dikgaolo tse di ntlafaditsweng le tse di phepa mo kgaolong ya Okavango le mo lefatsheng lotlhe. O ne a re go botlhokwa gore banni ba Okavango ba tswelele ka moono wa phepafatso le morago ga mokete wa go fetola dikakanyo le mogopolo.

O supile fa kgaisano tsa go tlhopa motse o o gaisang e mengwe ka bophepa mo Okavango e tlaa tshwarwa kgwedi eno e le masome mabedi le botlhano kwa Shakawe.

Rre Keareng o bile gape a tlhalosa fa go tlaa tshwarwa letsatsi la phepafatso tikologo e e tseneletseng kwa Gumare ka Labobedi kgwedi eno e tlhola masome a mabedi le boraro.

Ka jalo Rre Keareng o ne a re badiri botlhe ba puso le ba ba ikemetseng le morafe ba kgotlhadiwa go tsaya karolo mo phepafatso tikologo eo, a re motse wa Gumare o tshwanetse go lebega ka ele one o mogolo mo kgaolong ya Okavango. BOPA

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : TSODILO

Event : Letsatsing la go phepafatsa motse wa Tsodilo

Date : 21 Jul 2024