Tsibogelang bolwetse jwa tlhaloganyo
21 Jul 2024
Molaodi wa Mogoditshane, Mme Berenice Berman-Mosime, a re botsogo jwa tlhaloganyo bo botlhokwa ka bo laola botshelo jwa motho.
O buile se kwa letsatsing la itshidilo mmele la badirelapuso le le neng le tshwaretswe kwa Mogoditshane ka Labotlhano.
A re fa tlhaloganyo e sa itekanela, sengwe le sengwe se simolola go reketla mme se, se tshwanetse sa elwa tlhoko ka nako tsotlhe.
“Re rulagantse letsatsi le ka re lemogile fa itshidilo mmele e le botlhokwa go lapolosa tlhaloganyo le maikutlo. Ka jalo, re kopane go ikgakologelwa re le bodirelapuso ka go farologana ka re ka se kgone go ntsha maduo a a molemo fa re sa tsoga sentle.”
Mme Berman-Mosime o supile fa go le botlhokwa gore badirelapuso ba nne ka maikutlo a lapologileng gore ba fefose ka fa ba tlisang ditirelo mo maphateng a bone go ya kwa setshabeng.
A re keletso ya bone ke gore e re mo tsamaong ya nako, maphata a ithulaganyetse letsatsi la mofuta o, e le tsela nngwe ya go tsosolosa maikutlo a bone.
Mme Berman-Mosime a re modiredi mongwe le mongwe o tshwanelwa ke go lemogiwa gore botsogo jwa gagwe ke jo bo siameng gore a kgone go ntsha maduo mo tirong.
Moitseanape wa tsa tlhaloganyo, Mme Thato Molefi a re botsogo jwa tlhaloganyo ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe mme go botlhokwa go bo tlhoma kwa pele mo go tsotlhe.
“Fa botsogo jwa tlhaloganyo bo reketla, sengwe le sengwe se motho a nang le sone kgotsa maikaelelo ape hela di a phutlhama ka tlhaloganyo e le yone mmangmang mo sebopiweng sengwe le sengwe,” Mme Molefi a supa.
A re fa tlhaloganyo e sa itekanela, dilo ga di tsamaye sentle ke gone ka moo, botsogo jwa tlhaloganyo e leng tshwanelo ya mongwe le mongwe ya patelesego.
Mme Molefi o gateletse ntlha ya gore mo matshelong le mo ditirong, batho ba tshwanetse ba netefatsa gore botsogo jwa tlhaloganyo ke selo se se ka ba thusang go fitlhelela tsotlhe tsa botshelo go sena makgwere ape.
“Ke tshwanelo ya mongwe le mongwe go tsaya maikarabelo a go tlhokomela botsogo jwa tlhaloganyo, ka ope fela yo o dirang jalo, a nna le kagiso,” Mme Molefi a supa.
A re fa botsogo jwa tlhaloganyo bo siame, motho o kgona go mekamekana le dikgwetlho tse o lebanang le tsone ka o abo o na le maikutlo a a edileng.
Kgosi Prince Dihutso wa Mogoditshane o akgotse maphata a a nnileng le seabe sa go tsaya karolo mo tirong eo a re seo se tlaa ba thusa go lwantsha malwetse a sa tshelanweng.
“Itshidilo mmele e botlhokwa, a e seka ya re le tswa fa la tlogela molaetsa oo, tsamayang le o anamise le kwa malwapeng,” Kgosi Dihutso a ba gwetlha. BOPA
Source : BOPA
Author : Keagetswe Motsumi
Location : MOGODITSHANE
Event : Letsatsing la itshidilo mmele la badirelapuso
Date : 21 Jul 2024