Puso e namola balemi barui mo leubeng
21 Jul 2024
Go imolola balemi barui mo manokonokong a leuba le le feteletseng puso e fokoditse ditlhwatlhwa tsa dijo tsa leruo, melemo le menontshane ya leruo. Phokotso e, e simolotse mo kgweding ya Phukwi monongwaga e tlaa wela ka kgwedi ya Hirikgong e fela ngwaga o tlang.
Se se builwe ke mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng wa Kodibeleng.
A re barui ba dikgomo le dihutshane ba tlaa fokolediwa tlhwatlhwa ka selekanyo sa masome a mararo mo lekgolong (30 per cent) mo dijong tsa leruo, mekento wa bolwetsi jwa mokokomalo le menontshane.
A re barui ba dikolobe, dikgomo tsa mashi, ditlhapi, dikoko le ba dinotshi le bone ba tlaa fokolediwa ditlhwatlhwa ka selekanyo seo.
A re balemi barui ba dikgaolo tsa Chobe, Bokone-Bophirima le epe fela kgaolo e e tshwenngwang ke dinwamadi le bolwetse jwa Senkobo ba tlaa fokolediwa ditlhwatlhwa mo melemong ka selekanyo sa masome a matlhano mo lekgolong (50 per cent).
Mopalamente Lesaso o ne a tlatsa ka gore goromente o tlaa baakanya didiba tse di seng mo tirisong mo mafodisong le tse di mo metseng go thusa balemi barui go nosa leruo la bone.
A re se e tlaabo e le tsela ya go lwantshana le seemo sa letlhoko la metsi bogolo jang mo metseng e e senang metsi gotlhelele.
Mo go tse dingwe banni ba Kodibeleng ba kopile go akanyediwa ka sekole se segolwane mo motseng wa bone ka ba re bana ba bone ba tsena sekole ko motseng wa Kalamare mme go le kgakala thata le motse wa bone.
Ba re ba na le keletso ya go pataganela thuto ya bana ba bone le barutabana le go tlhokomelela bana ba bone bogaufing.
Fa a kgwa banni ba Kodibeleng kgaba, mogolwane wa lephata la thuto go tswa Mahalapye Rre Godfrey Makaba o boletse fa kopo ya sekole se segolwane e santse e sekasekiwa ka jaana metse e e mabapi le yone e batla sekole seo.
A re ba setse ba isitse kopo ya sekole mme go na le dilo dingwe tse di lebelelwang go bona gore sekole se ka bewa mo motseng ofe mo go ya Moralane, Mosolotshane, Poloka le Kodibeleng.
Kgosi ya motse wa Kodibeleng Mme Gofaone Khukhwane o rotloeditse banni ba motse wa gagwe go iketleeletsa go tsaya mananeo a puso a a duleng e bong Chema Chema le Thuo letlotlo ka tlhwaafalo.
A re mananeo a puso a tsweletse ebile a na le boleng mme a tlhoka go bewa mo tirisong mme ebile a ka ba ntsha mo lehumeng.
A re dipuo tse di ntshang mo tseleng di bewe ka fa thoko ka di ka kgoreletsa motho go itirela le go anywa thuto e e ka bolokang. BOPA
Source : BOPA
Author : Victoria Kesimolotse
Location : KODIBELENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Jul 2024