Ba le batlhano ba tshwerwe ka motokwane
18 Jul 2024
Mapodisi a Werda mo Kgaolong ya Tsabong a tlhotlhomisa babelaelwa ba le batlhano morago ga go fitlhwelwa ka setlhatshana se go belaesegang e le motokwane mo mafelong aa farologanyeng ka malatsi a boitapoloso a ga tautona.
Motshwarelela mookamela mapodisi a Werda, Insp. Itireleng Zulu, mo potsolosong le BOPA a re kgwedi eno e le lesome le botlhano ba ne ba tshwara banna ba le babedi ka setlhatshana se go belaesegang e le motokwane kwa Kokotsha morago ga go puruphutshwa ke mapodisi.
A tlhalosa fa setlhatshana seo e le sa bokete jwa 135g, mme ba belaelwa ba le dingwaga tse di masome a mabedi le masome a mabedi le botlhano ba tlholega kwa Makopong.
Mo go e nngwe ba tshegeditse banna ba le bararo wa dingwaga tse di lesome le borataro, wa masome a mabedi le boferabongwe le wa tse masome a mararo le boraro, ba ba tlholegang kwa motseng wa Bray mo kgaolong eo ka Labobedi kgwedi eno e le lesome le borataro.
Rre Zulu o boletse fa e ne ya re morago ga go longwa tsebe mapodisi ba ya go phuruphutsha babelaelwa bao ba ba neng ba emetse dikoloi mo setopong mme ba tshwarwa ka setlhatshana se go belaesegang e le motokwane wa bokete jwa 69g.
A re babelaelwa ba tlaa lebisiwa molato wa go fitllhelwa ka setlhatsana seo.
O ne a galaletsa bakgweetsi le setshaba ka kakaretso go bo ba ne ba itshwere sentle ka boitshwaro jo bo eletsegang le tirisanommogo ee kwa godimo ka malatsi a boitapoloso.
Le fa go ntse jalo o boletse fa mapodisi a pharakano ba gatisitse melato ya tsela e akaretsa go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng e le lesome le bobedi, ba ba neng ba kgweetsa ba nole bojalwa ba le babedi le o le mongwe wa go kgweetsa a sena setlankana.
Rre Zulu o ne a tlatsa ka go supa fa malatsi a boitapoloso a ketikilwe ka thokgamo le kagiso mo kgaolong ya gagwe a bo a kgothatsa setshaba go supa boitshwaro joo le mo nakong ee tlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : WERDA
Event : Potsolotso
Date : 18 Jul 2024