Bashe Rollers se abetse sekole dimpho
18 Jul 2024
Setlhopha sa kgwele ya dinao sa Bashe Rollers Football Club mo kgotleng ya Thini mo Tutume se abetse sekole se sebotlana sa Thini dipokisi di robabobedi tsa dipampiri tse di dirisiwang mo mochineng oo ntsifatsang, dipensele di le makgolo a mararo le di dirisiwa tse dingwe.
Fa a rola dimpho tseo, mokwaledi wa setlhopha seo, Mme Iponeng Tiro o kaile fa go le molemo go bo ba busetsa mo setshabeng ka go thusa kwa ba tlholegang teng. A re ba simolotse sekole mo Thini ka jalo ba itse dikgwetlho tsa sone, ka jalo ba ikemiseditse go tshwaraganela dikgwetlho le sekole seo ka fa ba ka kgonang teng.
A re botsalano jwa bone le sekole bo simologile ka ngwaga wa 1990, mme ba tsweletse fela ka mowa o le mongwe e le batshameki le ba rotloetsi ba setlhopha seo go thusa.
A re puso ka nosi e ka se kgone go thusa dikole ka jalo ba bone go tshwanela go thusa ka go rekela sekole dimpho. O supile fa ba le mo moonong wa go fetola ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng ka go tlisa pharologanyo mo matshelong a baithuti ka go rotloetsa thuto kwa moding.
Mme Tiro o a solofetsa sekole fa ba tlaa tswelela ka go ba ema nokeng ka nako tsotlhe go bona go re ba tsholetsa serodumo sa sekole seo, se se tswang kgakala se itsege ka go dira bontle mo ditlhatlhobong.
Fa a amogela dimpho tseo, morutabana wa sekole seo, Rre Simon Samson o ne a leboga thata, a bolela fa di dirisiwa tseo di tlaa thusa thata ka ba ntse ba na le letlhoko le le ntsi mo sekoleng.
O ile a solofetsa fa ba tlaa leka ka bojotlhe go itumedisa setlhopha seo le banni ba kgotla ya Thini ka go dira ka natla mo ditlhatlhobong tsa bone. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Mme Shathisi Puka o ne a akgola setlhopha seo ka tiro e ntle e ba e diretseng sekole.
Mme Puka a re setlhopha seo se itshupile fa sena le boikarabelo mo setshabeng ka se tswa kgakala se thusa sekole seo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Kabo dimpho
Date : 18 Jul 2024