Breaking News

Tsibogelang mananeo a a tsileng

18 Jul 2024

Banni ba kgaolo ya Sefhare/ Ramokgonami ba rotloeditswe go tsibogela mananeo a puso e a nthitseng a tshwana le Chema Chema mme ba kgathologe dipuo tsa batho bangwe ba ba reng fa ba ka a tsaya ba tsile go tsenngwa mo kgolegelong kana ba tseelwa dithoto tse ba nang le tsone

Mopalamente wa kgaolo  Dr Kesitegile Gobotswang o buile se kwa diphuthegong tsa kgotla kwa Machaneng le Letoreng ka Laboraro, a tsibogela mafoko a bangwe ba ba neng ba supa fa ba tshabela mananeo ao kgakala ka ba utlwaletse fa a tlaa ba tsenya mo kgolegelong kana ba tlaa gapelwa dithoto tse ba nang le tsone fa ba sa duele madi a ba a adimilweng.

A re banni ba tshwanetse ba tseye tshono ya mananeo ao ka nako nngwe a tlaabo a seyo fela jaaka LIMID, ISPAAD le ALDEP a a emisitsweng.  O supile fa mo nakong e no bangwe ba setse ka maikotlhao ka ba ka bo ba ne ba tsaya mananeo ao mme ba nna boitseme go dira jalo. 

A re fa banni ba sa tlhaloganye dilo dingwe, ba ye kwa diofising tsa maphata a a itebagantseng le mananeo a, go botsa mme ba seka ba tsaya dikgang mo bathong ba sele.

Dr Gobotswang o ne a lekodisa banni fa kgang ya metsi, ditsela, le noka ya Limpopo. A re metsi a kgonne go goroga kwa metseng ya Sefhare/Ramokgonami ka bontsi mme kwa Machaneng le metse ya Tupya, Seleka, Malete le Rasesa go santse go na le bothata.

Kwa mafelong mangwe a re banni ba santse ba kgona go tlhoka metsi sebaka sa beke mme metsi a le teng kwa go a mangwe. O tlhalositse fa diphaephe dingwe di thubega ka e rile metsi a ntse a atolosiwa ga dirisiwa diphaephe tsa bogologolo. Dr Gobotswang a re kgang e, e tlaa salwa morago go fitlha e wela. O supile fa ditsela tsotlhe tsa sekonotere di ne di se mo seemong se se itumedisang mme di ne tsa tsibogelwa.

Mopalamente o kaile fa puso e ne ya atla mogopolo wa banni gore ba batla go akola metsi a noka ya Limpopo mme go tlaa bulwa. A re banni ba tlaa akola metsi a Limpopo ele go tshwara ditlhapi, go nne le bojanala le go thusa banana go dirisa metsi ao mo temong ya nosetso. A re mapodisi le masole ba tlaa kgona go tsamaya mo lefelong leo ba lwantsha borukutlhi.

A re tsholofelo ke gore phatlha e e tlaa bong e butswe kwa nokeng ya Limpopo e sologele banni molemo le gore go seka ga nna le ope yo o rekang lefatshe leo. 

Mme Dikeledi Moeti wa Machaneng o supile fa e le mongwe wa bangwe ba ba neng ba tsaya dipampiri tsa ikopelo tsa Chema Chema mme a tshosiwa ke bangwe ka dikgang tse di reng ba tlaa tsena mo mathateng fa ba ka tsaya lenaneo le.

A re bontsi bo na le keletso ya go ikwadisetsa lenaneo le mme ba na le letshogo la gore ba tlaa tseelwa tse ba nang le tsone fa ba sa kgone go busa madi a ba a adimilweng. Banni ba lebogile ditlhabololo dingwe tse ba saleng ba di lopa ba supa fa di nametsa ntswa go na le dingwe tse di saletseng kwa morago di tshwana le peo ya ditsha.

Banni ba re le fa ditlhabololo di ka seka tsa tla ka nako e le nngwe, pharologanyo e a bonala e bile e a nametsa. 

Ba ne ba supa fa ba itumelela segolobogolo paakanyo ya ditsela, kgokelelo ya metsi le kgang e puso e supileng fa ba tlaa nna le sebaka sa go dirisa metsi a noka ya Limpopo go dira temo ya nosetso le go nosa leruo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : MACHANENG

Event : Diphuthego

Date : 18 Jul 2024