Ba Motalaote Lekhutlile ba ipelela maduo.
18 Jul 2024
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Motalaote Lekhutlile kwa Serowe, Mme Mirriam Mpelega a re sekole seo se dira sentle thata ntswa go na dikgoreletsi.
O buile jaana fa ba ipelela maduo a ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa a 2023 bosheng. A supa gore bana ba ba tsereng maemo a ntlha ba ne ba le masome mabedi mme ba 2022 ba ne ba le lesome le bosupa.
A re ngogola ba pasitse ka 92.3 per cent. Mme Mpelega o supile gore ba sale ba fiwa dibalamakgolo di le masome mabedi ka 2015 mme le gompieno ga ba ise ba thusiwe gore ba ka di dirisa.
A supa e le sekgoreletsi mo go bone le bana ka gompieno go dirisiwa maranyane.
O ne a supa gore thuto e tshwana le potwana e e maoto ebong ngwana, motsadi le morutabana. A re mongwe mo bathong ba fa a ka seke a tsee karolo mo thutong maduo ga a kake a tswa a le mantle.
O ne a kopa batsadi go kopanela thuto ya bana le bone gore ba tle ba bone maduo.
A re sephiri sa bone mo sekoleng ke gore ba bereka ba tshwaragane, fa barutabana ba kopa bana ka mafelo a beke kgotsa ka malatsi a boitapoloso batsadi ga ba ke ba gana. A re go bereka jalo go supa popagano e ba nang le yone le batsadi.
Molalediwa wa tlotla go tswa kwa khamphaning e e dirang maitiso a Born and Raised a lebagane le tsa itshireletso, Rre Paul Thuto a re ba ikgantsha ka sekole se. A re ba itumeletse go amana le sekole sa Motalaote Lekhutlile ka se na le boeteledipele jo bo nonofileng. O ne a supa gore go ntsha ka maduo go botlhokwa gongwe le gongwe.
O bile a supa fa ba itumeletse go nna le ngwana yo go tweng Motalaote Lekhutlile Primary School ka a sa ba swabisa, ka jalo ba tlaa tswelela ba tshwaraganela ditiro tsa sekole le botsamaisi.
Rre Thuto a re e le ba Born and Raised ba motlotlo thata ka botsamaisi jwa sekole se le baithuti ka gore ga ba a ka ba ba ba leba jaaka ‘borasekanta’, ba ba lebile jaaka batho ba ba ka fetolang matshelo a bone, a supa gore go fetola ka fa ba dirang dilo ka teng go ka ba isa golo gongwe.
O bile a rolela sekole lebala la bananyana ba tonto tshipidi le didirisiwa tsa lone e le go supa gore ba tlaa bereka mmogo.
O ne a supa gore ba tlaa boa gape mo nakong e e sa fediseng pelo ba tsisa dibeke tsa bana ba ba masome mabedi ba ba tsereng maduo a ntlha ngogola.
E rile a leboga, modula setilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Reverend Lediketse Motalaote a supa a itumeletse ditiro tsa Born and Raised mme a solofetsa fa ba ka seke ba swabisa sekole ka gope. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : SEROWE
Event : Moletlo
Date : 18 Jul 2024