Kereke e tshwanetse go nna sekao
18 Jul 2024
Badumedi ba tshwanetse go bonwa ka ditiro tse di siameng gore kereke e nne sekao mo setshabeng.
Dibui ka go farologana ba buile se kwa bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa Eleven Apostle Healing Spirit Church jo bo neng bo tshwaretswe kwa Shakawe ka bosheng.
Mogolwane wa lephata la thuto la kgaolwnana ya Shakawe, Rre Gagoope Andreck yo e neng e le sebui sa tlotla a re tiro e kgolo ya kereke ke go supegetsa setshaba tsela ya tshiamo.
Rre Andreck a re kereke e tshwanetse ya thusa setshaba ka go ba fa pholo le tsholofelo ka setshaba se na le dikgwetho tse dintsi.
A re go a swabisa ka go bo dikereke dingwe le baeteledipele bangwe ba dikereke ba senya serodumo sa kereke ka ditiro tsa tshokamo.
Rre Andreck o supile fa Eleven Apostle Healing Spirit Church e le nngwe ya dikereke tsa bogologolo tse di nang le motlhala o o siameng wa go sokolola batho.
A re batho ba kgaolo ya Bokone Bophirima ba tshwanetse go ipela ka kereke eo e e tlhamilweng ka 1963 mo kgaolong ya bone mme ya anama le mafelo a mangwe.
Rre Andreck o gwetlhile maloko a dikereke tsa bogologolo jaaka ya Eleven Apostle go fetoga le dipaka ka go atswa baruti ba bone gore le bone ba dire tiro ka botswapelo a re go dira jalo go ka thusa gore ba seka ba latlhegelwe ke maloko.
Mookamedi wa kereke, Arch Bishop Sebopiwa Moleta o tlhalositse fa kereke e tlhamilwe ke Prophet Lesomo Moswela yo a sa tlholeng a le mo botshelong.
Arch Bishop Moleta o tlhalositse fa Prophet Moswela a ne a filwe neo ya go bona ditiragalo tse di tlaa tlang. Bishop Bose Silalame o supile fa maikaelelo a bokapano joo e le go itshekatsheka a kaya fa badumedi ba tshwanetse go nna baemedi ba nnete ba Morena mo lefatsheng, ba itshupa ka ditiro tse di siameng le go buisnana sentle ka mafoko a a agang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : SHAKAWE
Event : Bokopano
Date : 18 Jul 2024